Breaking News

Spar e otlolola lebogo

23 Nov 2014

Marakisetso a Spar kwa Letlhakane le abetse mme mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong ntlwana ya boitiketso.

E rile a aba ntlwana eo, mookamela marekisetso ao, Mme Gloria Ogopotse a tlhalosa fa badiri ba thulantse ditlhogo mme ba dumalana go thusa mogodi yoo ka a se na ngwana gape a le ’kobo dikhutswane.

O kaile fa ba kgonne go kokoanya P9 650 go tswa mo dipateng tsa bone. Mme Ogopotse o supile fa ba dirile lenaneo le le thusang ba ba tlhokileng lesego. O boletse fa ba setse ba kile ba lemela batlhoki ba le babedi tshingwana. 

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Barontshi Kegapetswe o lebogile ba Spar go bo ba supile lorato ka go agela Mme Helen Napo ntlwana. O tlhalositse fa lebenkele leo le tlhwaetse tsebe boikuelo jwa ga Tautona go agela ba ba se nang boroko le go thusa ba ba ’kobo di khutshwane.

Kgosi Kegapetswe o gwetlhile mabenkele, setshaba le dikhamphani  go tsaya malebela mo go ba Spar ka go otlolola letsogo la thuso ba ba tlhokileng lesego.

Mme Napo o lebogile lebenkele leo go bo le mo agetse ntlwana ka a bolela fa go nna le ntlwana go tlaa mo fa seriti.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oarabile Mawele

Location : LETLHAKANE

Event : Kabo dimpho

Date : 23 Nov 2014