Breaking News

Badirelapuso ba lemela Childline merogo

23 Nov 2014

Tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Eric Molale o akgoletse badirelapuso mowa wa go seegela fa thoko ditiro tsa bone go direla setshaba.

Rre Molale o buile jaana, kwa Childline Botswana kwa ba ba direlang ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona ba neng ba lema merogo teng, ka Labotlhano (21/11/2014). 

Lenaneo le, a re le ne la rotloediwa thata ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, ‘mme ka fa ke bonang ka teng le setse le kapile ka gore mo dikgaolong tsotlhe go setse go bonala gore badirelapuso ba tsenya seatla mo go bonalang’.

“Re dikile re le fa Tsetsebye, ra fitlhela barutabana ba Motswakhumo ba dirile mo go kgatlhang. 

Ba fitlhetse lolwapa lo lo neng lo le mo letlhokong le legolo, ba se na fa ba robalang teng, mme ba ba agela ntlo,” ga tlatsa Rre Molale.

Batho ba ba tshwanang le ba, tona a re ba tshwanetse go akgolwa. 

Le fa go ntse jalo, a re ga se bone fela ka gore badirelapuso ka bontsi ba tshwere ka natla go araba mokgosi o o kuilweng ke Tautona wa gore go lekwe go thusa setshaba fa go tlhokafalang teng. 

Ofisi ya ga Tautona, Rre Molale a re e itlamile go tswelela e dira tiro e, ya go ipha nako ya go thusa setshaba ka fa go tlhokafalang ka teng. 

“Maloba ne re le kwa Tlokweng SOS, ra ya le kwa go tse dingwe. 

Gompieno re fa, re lebile gore Childline e dira tiro e ntle ya go re tlhokomelela bana ba ba mo letlhokong le legolo,” ga bua Rre Molale.

Ka dijo e le sengwe sa dilo tse di turang thata mo tlhokomelong ya bana, Rre Molale a re ke ka moo ofisi ya ga Tautona e neng ya bona go tlhokafala gore e thuse ba Childline ka go ba lemela merogo go leka go ba fokoletsa ditshenyegelo. 

Thulaganyo e ya gore badiri ba ofisi ya ga Tautona ba nne ba ipha nako ba thusa setshaba, tona a re o bona e le botlhokwa thata ka gore tebelopele ya lefatshe la Botswana ya re re nne tshaba e e kutlwelobotlhoko.

O tladitse ka go re, ‘ka ke rona re lomaganyang lenaneo la nyeletso lehuma mo lefatsheng, fa re ntse re tsamaya jaana, re lemoga gore le lengwe lehuma ga se le le tlhokang lenaneo leo fela, le tlhokana le gore le rona re le badiredi ba ofisi ya ga Tautona re tsenye seatla go bonale gore re eme puso nokeng, re le babereki ga mmogo le baeteledipele.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : GABORONE

Event : Letsatsi la badirelapuso la go direla setshaba

Date : 23 Nov 2014