Itlhatlhobeleng malwetse ka go farologana
23 Nov 2014
Banni ba Mahalapye ba kgothaditswe go tsibogela botsogo ka go itlhatlhobela malwetse ka go farologana.
Fa a bua mo letsatsing la go itlhatlhobela malwetse bosheng, moanamisa mafoko wa lekgotla la Man Sector kwa Mahalapye, Rre Kebaemetse Kesenogile o boletse fa dithuto tseo di ne di itebagantse le go tsisa ditlamelo tsa botsogo gaufi le batho ka ba lemogile fa go na le batho ba ba sa kgoneng go latela ditirelo tsa botsogo kwa dikokelong, segolo jang bagodi.
O tlhalosa gore ba etse tlhoko gore go itlhatlhobela malwetse a le mokawana go tsaya nako, ka jalo batho ga ba ke ba nna pelotelele go letela ditirelo tsa mofuta o kwa dikokelong.
Rre Kesenogile o boletse gape gore bontsi jwa ditlamelo tsa botsogo tse ba di atameditseng morafe ke tse ba lemogileng fa di se yo mo dikokelwaneng e bile dingwe tsa tsone batho ba di latela kgakala.
Mme Kgomotso Kemoitse go tswa kwa mokgatlhong wa Fokotsa Dino o tlhalositse gore go botlhokwa gore batho ba ikgaphe mo go iphetiseng dino ka go sa siamela botsogo.
O tlhalositse gore ga go sepe se se molemo se bojalwa bo se dirang mo mmeleng fa e se go o koafatsa fela.
O kgaletse batsadi bangwe go nna le seabe mo go rekisetseng baithuti ditagi gonne seo ke go senyetsa bana botsogo e bile batho ba mothale o ga ba supe fa ba na le pelo ya setsadi.
Moeteledipele wa mokgatlho wa Lentswe la Bomme, Mme Connie Nshimwe a re bomme le basetsana ga ba a tsoga mo malwapeng ka ba angwa thata ke kgokgontsho ya bong.
A re seemo se, se a tshwenya ka se tsenya botsogo jwa bone mo diphatseng.
O boletse fa dipatlisiso di supa fa ba ba amegang ba tshwenngwa thata ke malwetse a tshwana le madi a matona , bolwetse ja sukiri le kgatelelo ya maikutlo.
O kopile bomme go aga botsalano jo bo nonofileng le bone gore ba kgone go phuthologa go ba bolelela sengwe le sengwe le fa ba kgokgontshiwa ba seka ba tshaba go ba itsese.
Mme Nshimwe a re batsadi ba tshwanetse go supa lorato le go kgathalela bana ba bone le fa ba nyetswe gore ba ba neele dikgakololo, bogolo jang fa ba tla ka dikgang tsa kgokgontsho go na le go emela go tsiboga fa dikgang di setse di keketse.
E ne e rile a amogela morafe, kgosi wa kgotlana ya Botalaote, Rre Obonetse Kakabale a re o tshwenngwa ke gore banana ba maoto a tshupa mo bokopanong bo tshwana le jo le ntswa melaetsa e mengwe e ba lebagane, segolo ka e le bone ba tsentseng lesukuru mo motseng ka botlhoka tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la go itlhatlhobela malwetse
Date : 23 Nov 2014