Breaking News

Ba-na-le bogole ba tlhoka kemonokeng

23 Nov 2014

Morafe wa Balete o kopilwe go supa lerato ka go ema ba-na-le-bogole nokeng dinako tsotlhe.

E rile a bua mo moletlong wa ithutuntsho kwa Thuto Boswa Rehabilitation Center kwa Ramotswa bosheng, Kgosi Kgolo ya Balete Kgosi Mosadi Seboko a tlhalosa gore fela jaaka mongwe le mongwe,  ba-na-le-bogole ba tlhoka lerato le go femelwa mo bosuleng.

A re lerato le kemonokeng ya setshaba di ka dira gore batho ba seemo se ba dire ka natla mo dithutong tsa bone mme ba felele ba ya le kwa mmadikole tota. 

Kgosi Mosadi o rotloeditse barutabana ba ba-na-le-bogole go ba thusa thata mo ditirong tsa diatla di tshwana le go roka le temo thuo gore e nne tsa maemo a a kwa godimo gore setshaba se seka sa ba nyatsa.

 O tsweletse a re fela jaaka mongwe le mongwe, ba-na-le-bogole le bone go na le fa ba tlhaelang teng mme e bile go na le fa ba kgonang teng ka jalo ga ba a tshwanelwa  go 

tseelwa kwa tlase. 

Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosadi o akgoletse Balete go ya moletlong o ka makatlanamane a tlhalosa fa seo se supa fa ba kgathala ka matshelo a ba-na-le-bogole. 

A re morafe wa Balete o tswa kgakala o amogetse e bile o tsibogela batho ba seemo se  ke ka moo Ga-Malete eleng one motse o  o nang le dikole tse dintsi tsa ba-na-le-bogole.

A re bontsi jwa batho ba, ba tswa kwa metseng e e kgakala le Ramotswa ba tsile dikoleng mme ba felela ba fudugela mo motseng oo morago ga go lemoga ka fa ba amogelesegileng ka teng go na le kwa metseng ya bone ya tlholego. 

O kopile gore go dirwe dipatlisiso tse di tseneletseng tsa gore ba-na-le-bogole ba ka thusiwa jang fa ba setse ba atamela mo seemong sa go nna bomme le borre ka jaana a re ba tlhoka thotloetso gonne bangwe ba bone ba a nyalwa ba bo ba nna le malwapa. 

O tlhalositse fa seo se ka ba thusa gore ba itshware sentle le gone ba seka ba dirisiwa botlhaswa. 

Kgosi a re go agiwa ga sekolo sa Thuto Boswa kwa Ramotswa e ne ele mogopolo o montle thata ka jaana se thusitse batho ba le bantsi e bile se alositse bangwe ba eleng gore ba setse ba bereka mo go sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Lelokwane

Location : RAMOTSWA

Event : Moletlo wa ithutuntsho

Date : 23 Nov 2014