Breaking News

Banana ba itshetsa ka temo thuo

23 Nov 2014

E re le ntswa e ne ya re mo malobeng bagodi e bo e le bone ba ikamantseng thata le temo-thuo go na le basha, go lebega seo se fetogile ka jaana banana bangwe ba itepatepantse le go ikopela mananeo a puso a temo go tokafatsa matshelo a bone le gone go  nna le seabe se se bonalang  mo go direleng lefatshe leno dijo.

Mo puisanong bosheng, molemisi yo o direlang kwa metseng ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ditiro Bolepya o tlhalositse fa e ne ya re morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ba lemoga dipalo tse di nametsang tsa banana ba ba ikopelang go lemelwa ka lenaneo le.

 A re go lebega batsadi ba metse ya selegae ba na le seabe se sentsi mo go rotloetseng basha go ikamanya le temo ka jaana ba ba adima masimo a bone gore ba itemele ka bangwe ba ise ba abelwe ditsha. 

Rre Bolepya o akgotse batsadi go jwala mowa wa go itirela mo baneng le go tlhoafalela temo ka jaana temo thuo e le mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno. 

A re fa temo e ka tshwaraganelwa ke botlhe mo lefatsheng leno go akarediwa banana le bagodi, lefatshe leno le ka ntsha dijo tse di lekaneng mme la emisa go ikaega ka dijo tse di tswang kwa mafatsheng a sele.

Mongwe wa banana ba ba inaakantseng le temo, Mme Kgalalelo Selagaboy wa masimo a Tsape kwa Takatokwane, a re fa temo e bapisiwa le mohama wa thuo e bogadi bo gaufi fela thata le fa go tsaya sebakanyana go ntsha dipoelo.

Mme Selagaboy yo o simolotseng go ikamanya le temo ka 2010, a sena go lemoga fa lefatshe leno le farifarilwe ke letlhoko la ditiro segolo jang mo bananeng. O boletse fa temo e tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go rekisa thobo ya gagwe kwa go ba Botswana Agricultural Marketing Board. 

O supile fa a simolotse go tlhagafalela temo thata morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ka a thusiwa ka dipeo le menontshane le gone go lemelwa mahala. A re o ageletse tshimo ya gagwe ka thuso ya go teratelela masimo.

A re o dumela ntle le pelaelo epe gore  fa banana ba ka ikanya temo ba ka fedisa letlhoko la ditiro le le ba apereng mme ba kgona go ipulela dikgwebo ka jaana puso e tsweletse ka go tokafatsa mohama wa temo-thuo mo lefatsheng leno. 

O rotloeditse banana gore ba seka ba nna fela ka tsholofelo ya gore puso e tla a ba direla sengwe le sengwe mme ba tshwanetse go iphataphatela.

O supile fa a utlwisiwa botlhoko ke go bona banana ba tsweletse ka go rekisa ditsha tsa masimo ba sa di tlhabolole go akola mananeo a puso a tshwana le la ISPAAD a a tlhamilweng go tokafatsa matshelo a Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Puisano

Date : 23 Nov 2014