Breaking News

Makgalemele o atla tiriso ya mananeo

23 Nov 2014

Mopalamente wa Shoshong e bile ele mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirela puso, Rre Phillip Makgalemele a re Batswana ba tshwanetse go dirisa mananeo a ISPAAD le Nyeletso lehuma go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone  gammogo le go tokafatsa matshelo a bone.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Dibete bosheng, Rre Makgalemele o boletse gore e re ntswa mananeo ao a ka inola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo, o swabisiwa ke go bona Batswana ka bontsi segolo jang banana ba eleng bone ba kokonelwang ke botshelo ba goga dinao go a dirisa ntswa a neelwa batho mahala.

Rre Makgalemele o tlhalositse gore maikaelelo a babusi ba lefatshe leno ke go dirisa mananeo ao go nyeletsa lehuma ka 2017.

 O kgothaditse banana go ipopa ditlhopha tse  ba ka tsosolosang dikgwebo tsa dikoporase ka tsone ka di le bogadi bo gaufi e bile di le botlhokwa mo go tsosoloseng mhama wa temo-thuo le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno e e ikaegile ka ditswa mmung.

Mabapi le tsa ditlhabololo, o tlhalositse fa tautona le khuduthamaga ya gagwe ba ikaeletse go tsenya ditiro dingwe tse di neng di seegetswe kwa thoko mo lenaneong la ditlhabololo tsa bolesome mo go la tsa bolesome le motso gore di kgone go dirwa mo ngwageng wa madi wa 2015/2016 ka jaana go lebega seemo sa itsholelo se tokafala ka bonya ka bonya.

Rre Makgalemele o boletse fa mhama wa temo-thuo jaaka wa thuo ya dihutshane, ya dikoko tsa mae le nama, temo ya merogo le maungo ele dingwe tse di ka tlhabololang matshelo a batho le go bulela banana ba lefatshe leno diphatlha tsa mebereko mme a bolela fa sebe sa phiri ele go adima tshwene marapo ga Batswana mo temong ntateng ya go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng.

E rile ba akgela, banni ba Dibete ba kopa mothusa tona go ba kopela sekidi sa lefatshe mo pusong mo dipolaseng tse di kwa molelwaneng wa thibelo malwetse a leruo kwa Dibete. 

Ba boletse gore ere ntswa mananeo a Nyeletso Lehuma le ISPAAD a le botlhokwa mo matshelong a bone mathata ke go tlhoka lefatshe le ba ka lemang mo go lone ka jaana naga ya bone ele motlhaba. 

Ba tsweletse ba tlhalosa fa mathata a mangwe ele tiego ya go isiwa ga didirisiwa tsa Nyeletso Lehuma kwa bathong ntswa ba sale ba rutuntshitswe ka ditiro tse ba di ikopetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Nov 2014