Breaking News

Kedikilwe o kgothatsa dikereke go fetola matshelo

20 Nov 2014

Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile bagogi ba motse ba akaretsa dikgosi le baruti go rotloetsa setshaba go godisetsa bana ba bone mo tumelong ka go bo ngwana yoo godiseditsweng mo tumelong a gola a na le poifo Modimo.

Dr Kedikilwe, yo a neng e le molalediwa wa tlotla kwa kerekeng ya Hermon kwa Sefhophe bosheng, o tlhalositse gore go rutega ga go a lekana ka jaana go santse go supagala fa dipolaano  di golela pele ka jalo a rotloetsa  batsadi  go ruta bana ka bopelotelele le gore motho ke sebopiwa sa Modimo se se itshekileng.

O tsweletse a re ba tshwanetse go godisetsa bana mo tumelong go ba ruta tse di molemo le go tlotla serodumo sa motho .

A re mmele wa motho ke tempele ya Modimo jalo motho o tshwanetse go tlotlwa le go neelwa seriti se se mo tshwanetseng. Dr Kedikilwe a re fa go senang kagiso teng ga go nke go nna le tumelo jalo a kopa baphuthegi go nna ba rapelela mafatshe a a amilweng ke dintwa le malwetse.

O tsweletse a re dipaka di fetogile ka jalo bana ba tshwanetse go rutwa ka diphetogo tsa loapi le ka tlhokomelo ya lone gore le seka la kgotlelesega.

 O kopile setshaba go ipabalela mo go tsa botsogo ka go dira ka diatla a bo a  bolela fa kereke e na le seabe se se tona mo go ruteng setshaba ka mogare wa HIV. 

O rotloeditse maloko a kereke ya Hermon go tlhama dikomiti tse di farologaneng jaaka ya botsogo, ya tlhabololo magae, ya barutabana le batsadi ka a re go dira jalo go ka babalela matshelo a batho ba bangwe. 

O ba kgothaditse gore fa ba nna le mediro ba nne ba laletsa ba ba nang le dikitso tse di farologaneng go tla go ba ruta  ka dintlha tse di farologaneng tsa botshelo. 

O tsweletse a re kereke e tshwanetse go rerela setshaba ka mananeo a puso jaaka a nyeletso lehuma le a mangwe gore batho ba tle ba kgone go itlhamela ditiro ka gore fa batho ba huma kereke le yone e nna le batho ba ba itekanetseng. 

A re kereke ga e a tshwanela go itebaganya fela le go tlhokomela mewa ya batho mme e tshwanetse go tlhokomela boleng, thuto gammogo le botsogo ja motho.

Go ya ka moanamisa mafoko wa kereke eo, Mme Perzani Montsho o boletse fa ba phuthaganetse  go lebogela thobo e Modimo o ba e neetseng mono ngwaga  le Moruti Mopapa Joel Montsho Madimabe go bo a tsweletse a ba goga mo lefokong la Modimo. Mme Montsho o tsweletse a re kereke ya bone e setse e simolotse go agela motlhoki mongwe ntlo kwa motseng wa Sefhophe.

E rile a tswa la gagwe, Moruti Montsho a bolela fa ngwaga le ngwaga kereke ya gagwe e tshwara bokopano mo motseng wa Sefhophe. 

A re o itumelela dimpho tse kereke e di amogelang go tswa mo bathong ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELIBE PHIKWE

Event : Phuthego ya kereke

Date : 20 Nov 2014