Breaking News

Thuto boswa jwa sennela ruri

20 Nov 2014

Mokwaledi wa toropo ya Jwaneng, Rre Dick Kalantle o rotloeditse baithuti ba kgaolwana ya Hemasokwe go tsenya marapo nameng mo dithutong tsa bone ka thuto  e le boswa jo ba ka sekeng ba bo tseelwe ke ope.

E rile a bua kwa Makopong mo moletlong o o neng o dirilwe ke sekole se se gaisitseng tse dingwe mo ditlhatlhobong  tsa lekwalo la bosupa ngwaga o o fetileng, Rre Kalantle a tlhalosa fa a itlamile go thusa dikole  tse di potlana tsa Hereford, Makopong, Sam Mackenzie, Kokotsha le Werda  go tokofatsa maduo.

O tlhalositse fa a rotloetsa dikole tseo ka lenaneo la Adopt a School go fitlhelela ka 2017 ka go abela sekole se se gaisitseng tse dingwe ka maduo a lekwalo la bosupa  ka kopi le P500.00 a bo a abela komiti ya batsadi le barutabana P500.00 mo sekoleng seo le go neela barutabana ba ba neng ba ruta bana ba lekwalo la bosupa ditlankana e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa.

A re o simolotse lenaneo la Adopt a School ka 2011 ka go abela sekole sa Sam Mackenzie dimpho tseo ka se ne se dirile sentle nako eo, a kaya fa ngogola e ne ele sa Makopong. 

O kaile fa puso e leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno mme a gwetlha batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka go tshwaragana le barutabana le ba-na-le seabe botlhe.

 O kaile botshelo bo ne bo le boima fa ba tsena sekole ka go ne go sena dirisiwa tsa maemo a a kwa godimo jaaka mo nakong eno e bile ba ne ba tsena sekole ba tswa merakeng mme seo sa dira gore ba tlhoafalela thuto ya bone gore ba nne le bokamoso jo bo itumedisang.

Mogokgo wa sekole se se golwane sa Emang kwa Ntlhantlhe, Rre Donald Seitsang o kgothaditse baithuti go itebaganya fela le tsa thuo mme ba tswe mo ditirong tsa botlhoka tsebe. 

Rre Seitsang o kaile fa e le sekao ka e le moithuti wa pele wa sekole seo a supa fa ba ne ba rutelwa ka tlase ga ditlhare ka go ne go sena matlo a borutelo. 

O tlhalositse fa go tlhoka go tsena sekole sentle le go tsaya dithuto ka tlhoafalo e le dingwe tse di ka dirang gore ba seka ba dira sentle mo dithutong tsa bone.

O tsweletse a gakolola baithuti go tsaya tsia thuto ya bone ka go eletsa go ithuta ba sa salwe morago le gone go nna le tlotlo mo batsading ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng ka seo se ka ba thusa thata go atlega mo dithutong tsa bone.

Rre Seitsang o ntshitse dimpho di akaretsa dibuka tsa lekwalo la ntlha go ema ka la bosupa go tswa mo go ba kompone ya Shell le P1200.00 yo o tswang mo lwapeng lwa gagwe le mongwe wa morutabana kwa sekoleng sa gagwe.

Molomaganya ditirelo tsa maduo mo lephateng la thuto kwa Kgalagadi, Mme Neo Tsietso o kaile fa lephata le itlamile go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno gammogo le go rutuntsha barutabana go itepatepanya le seemo sa thuto sa nako eno ka go ba isa thuto puisanong kgapetsakgapetsa ka seo se ka thusa thata mo go abelaneng maele mo go tsa thuto.

Mme Tsietso o lebogetse tiro e ntle e Rre Kalantle a e dirang le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go tlhabololeng thuto mo lefatsheng leno ka lenaneo la Adopt a School mme a ba kopa go tswelela ba dira jalo ka seo se tla thusa go tokafatsa maduo a dikole mo kgaolong eo.

E ne e rile go le pele a amogela baeng mo moletlong oo, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Makopong, Rre Frans Brooks a gwetlha batsadi go tshwaragana le barutabana mo dithutong tsa bana ba bone ka thuto e le botlhokwa fela thata.

O kaile fa go le botlhokwa go ruta bana maitseo ba sa le ba botlana ka lore lo ojwa lo sa le metsi. O kaile fa lenaneo la Adopt a School mo kgaolwaneng  ya HEMASAKOWE le tla tswelela ka go dira pharologanyo mo dikoleng le mo baithuting  ka le ba rotloetsa go ithuta le go dira ka botswerere le natla  mo dithutong tsa bone. ENDS

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Moletl wa sekolo

Date : 20 Nov 2014