Bomme ba Mogorosi ba itshetsa ka borotho
20 Nov 2014
E rile go lemoga fa go se motlhofo go bona tiro mo malatsing ano, bomme ba le batlhano ba Mogorosi ba ipopa setlhopa go itshimololela kgwebo ya kapei ya borotho.
E rile fa a tlhalosa mo puisanong le lekalana la dikgang bosheng, mogolwane wa Mareledi Bakery and Confectionary, Mme Obona Kamogelo a bolela fa ba bone thuso ya P137 418.23 mo lekalaneng la gender affairs mme ba kgona go reka di dirisiwa tsotlhe tse di tlhokafalang mo kgwebong ya kapei ya borotho.
Mme Kamogelo a re ba tlhophile kgwebo ya go apaya borotho ka go bo ba bone gore borotho bo a tlhaela mo kgaolong ya bone mme e bile gape ba lemogile fa motse o gola ka go na le sekolo se sebotlana le se segolwane ka jalo bareki ba borotho ba ntsifala.
Mme Kamogelo, o tlhalositse fa banni ba motse ba amogetse kgwebo ya bone ka atla tsoo pedi e bile ba supile fa ba tla a ba rotloetsa fela thata.
O tsweletse a tlhalosa fa kgwebo e tsamaya fela sentle ka banni ba kgatlhegela borotho jwa bone e bile ba bolela fa ele jwa boleng jo bo kwa godimo.
A re ntswa kgwebo e tsamaya sentle, go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone jaaka kgaogo ya motlakase le metsi tse di bakang gore nako tse dingwe kgwebo e eme ka go a bo go sena gore ba ka apaya ka eng ka ba tlhoka dilo tse pedi tse go tsamaisa kgwebo ya bone.
O boletse fa ba setse ba tseneletse thuto puisano e e neng e rulagantswe ke ba Gender Affairs mme ba ithuta ka go tsamaisa kgwebo bogolo jang fa ba le setlhopha ka ba tshwanetse go nna seopo sengwe.
A re le ntswa ba le basha mo kgwebong, ba na le ponelopele ya gore e tla tsamaya sentle e bo e ba sologela molemo gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone.
Mongwe wa setlhopha seo, Mme Oratile Lepedi o kgothaditse bomme go ikemela ka dinao gore ba lwantshe lehuma mo malwapeng.
A re o rotloetsa Motswana mongwe le mongwe yo o filweng dithuso go di dirisa sentle go itirela kgwebo ya sennela ruri e e tla a reng mo isagong e tlhamele Batswana ba bangwe ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Puisano
Date : 20 Nov 2014