Mokgatlho wa ba-na-le bogole o itumelela thuso
19 Nov 2014
Modulasetilo e bile ele motlhokomedi wa mokgatlho wa ba-na-le bogole wa Botsogo Association of Disabled kwa Letlhakeng, Rre Ofentse Bikimane a re o itumelela thuso e ba e filweng ke ba nyeletso lehuma le ba American Embassy ya go ba direla fa ba ka lemang merogo teng.
Rre Bikimane a re mokgatlho oo, o ikaelela go tlhamela ba-na-le bogole ba kgaolo eo mebereko le go ba fa maele a botshelo. O tlhalositse gore ba santse ba direla golo go le gongwe fela mme e tla a re mo tsamaong ya nako ba rotloediwe go itirela kwa malwapeng ka ba tla a bo ba setse ba tsere botsipa.
Le fa ntswa ba ise ba simolole go rekisa merogo ya bone, Rre Bikimane a re ba santse ba tlhophile maloko a robabobedi go tlhokomela temo e ba e dirang. O tsweletse a re ba solofetse gore thekiso ya merogo e tla ba thusa go duela metsi a ba a dirisang le go baakanya matloa a a sireleditseng merogo. A re temo e ba e dirang ke ya go ja ka bontsi jwa bone ba sa bereke.
O tsweletse a re ere ntswa tshingwana ya bone e tlhokomelwa ke batho ba robabobedi fela, fa ba roba ba akanyetsa go balela ba-na- le bogole ba ba kwa malwapeng. Rre Bikimane a re ba tlhoka thotloetso le kemonokeng ya setshaba ka kakaretso le bodiredi jwa puso gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse ba nang le tsone.
O tlhalositse gore go santse go na le batsadi ba ba fitlhang ba-na- le bogole mme seo se ba rontsha ditshwanelo tsa bone gonne puso e phutholotse letsogo go ba thusa. O tlhalositse gore ba-na-le bogole ba ba fitlhiwang ba tshwanetse go atamediwa gore le bone ba nne le dikitso ka tsa itshetso gonne bontsi jwa ba ba fitlhilweng ga ba itse sepe ka mananeo a puso e bile ba itlhobogile mo botshelong.
Le fa go ntse jalo, Rre Bikimane o kopile puso go phatlalatsa ditlamelo le lefatshe leno ka bophara eseng go di kgobela mo ditoropong le metse e metona fela. A re o eletsa puso e ka thapa bodiredi jo bo itebagantseng le ba-na-le bogole kwa kgaolong ya Letlhakeng.
A re e re ntswa lekgotla la gagwe le santse le le mo Letlhakeng fela, le na le maikaelelo a go tswela kwa ntle kwa metseng e e mabapi. A re se ga ba se kgone ka ba sena ditlamelo tse di ba fitlhisang koo. Rre Bikamane o leboga puso le ntswa a re ga go a lekana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tlholego Nthaga
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 19 Nov 2014