Breaking News

Ramotswa o ipelela letsatsi la temo ya ditlhare

19 Nov 2014

Bogologolo Batswana ba ne ba na le nako e ditlhare dingwe di remiwang ka yone mme e bile ba sa letlelelwe go rema setlhare ba se ntsha le ka medi.

Mo letsatsing la temo ya ditlhare kwa Ramotswa bosheng, Kgosi Mosadi o  supile fa go tswa  bogologolong Batswana ba ne ba na le  tebelopele ka   ba  lemogile gore fa   ba  ka  kumula ditlhare ka medi, ba ka  nyeletsa lesika la tsone. 

O boletse fa batho ba  bogologolo ba ne ba dirisa ditlhare go  rema dikgong, go betla dikika, metshe, dintshwana  le ditilo. E rile a ntsha molaetsa, mogolwane go tswa kwa Botswana College of Agriculture, Dr Joyce Lepetu  a tlhalosa fa moono wa go jwala ditlhare o  tlile ka tautona  wa pele Sir Ketumile    Masire ka 1985. 

O boletse gore ngwaga le ngwaga go tlhophiwa setlhare sa ngwaga jaaka mo ngwageng ono go tlhophilwe setlhare sa mmilo.

 Dr Lepetu o tlhalositse fa ditlhare di goga phefo e e maswe di bo di ntsha e e siameng ka jalo go botlhokwa   gore di   somarelwe. O tlhalositse fa ditlhare di le botlhokwa thata ka jaana di fa batho meriti e bile di fa le tsone diphologolo bonno fa maungo a dingwe  a dira dipilisi.

O tlhalositse fa moono wa go nna le letsatsi la ditlhare ele go nonotsha thuto le kitso ya go    jwala ditlhare le go lebelela dimela tse di nyelelang mme ba leke go di somarela. 

Dr Lepetu o    tlhalositse fa moono mogolo wa go jwala ditlhare ele go fokotsa kgothego ya mmu. O tlhalositse fa ditlhare tsa Setswana di kgona go itepatepanya le phetogo ya loapi. O kopile    magosi go busetsa taolo ya go rengwa ga ditlhare jaaka go kile ga ne go diragala bogologolo. 

Tiro e, e ne e tshwerwe ka setlhogo sa  “ Dikgwa tsa rona, konokono ya nyeletso lehuma” BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Letsatsi la temo ya ditlhare

Date : 19 Nov 2014