Breaking News

Kgaolo ya Bobirwa e roma Letso Malema

19 Nov 2014

E rile bosheng, magosi a kgaolo ya Bobirwa ba tlhopha Rre Letso Malema go nna moemedi wa kgaolo ya bone kwa ntlong ya dikgosi, a tsaya mo go Kgosi Mmirwa Malema yo o saleng a emela kgaolo eo go simolola 2004.

Tlhopho e tla a jaana morago ga gore Kgosi Mmirwa Malema a supe fa jaanong a godile a ka se kgone go emela kgaolo kwa ntlong ya dikgosi.

Rre Letso Malema, yo e leng kgosana ya Molalatau morwawe Kgosi Mmirwa Malema yo eleng moemedi wa bogosi jwa ga Mmangwato kwa Bobonong, 

Mo tlhophong tse di neng di tsamaisiwa ke molaodi wa kgaolwana potlana ya Bobonong Rre Mompoloki Mochanana, go ne go gaisana dikgosana di le  nne eleng Rre Letso   Malema, Goitseone Dimakatso Patane,  Keleapere Baruti, le Keabetswe Mokgethi mme Rre Letso Malema a bona batlhophi ba le bantsi go feta dikgosana tse a neng a gaisana le tsone. 

Le fa ntswa ba bangwe ba sa bona sebaka sa go emela kgaolo kwa ntlong ya dikgosi, ba ikanne go ema Kgosana Malema nokeng le go mo fa dikgakololo  ka nako tsotlhe gore a kgone tiro ya gagwe. 

Fa a akgela mo goreng ao jaanong o neela ngwana  maemo a gagwe a bogosi, Kgosi Mmirwa Malema o boletse fa a santse a tshegeditse maemo a gagwe a mothusa kgosi ya ga Mmangwato mme fa nako ya gore a a  tlogela etla a tla a itsise morafe wa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Tlhopho ya moemedi wa bogosi

Date : 19 Nov 2014