Bahumagadi ba masole ba ema ka dinao
19 Nov 2014
E rile bosheng mokgatlho wa Eastern Military Garrison Women kwa Selebi Phikwe wa phepafatsa le go penta kgotla ya Botshabelo e le maiteko a go ikitsise setshaba.
Go ya ka mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Dorah Mabina o boletse fa mokgatlho wa EMG Women o tlhamilwe ka 1994 ke bomme ba ba nyetsweng ke borre ba masole le bomme ba e leng masole kwa kampeng ya Selibe Phikwe ka moono wa go rotloetsa mowa wa boipelego.
Mme Mabina a re mokgatlho oo ga o a itebaganya le go thusa setshaba se se kwa ntle ga kampa fela mme maikaelelo a bone ke go fetola matshelo a bomme ba ba nnang mo kampeng ya Selibe Phikwe le gore e re mo ngwageng tse pedi tse di tlang go bo go sena mme ope yoo nang le botlhoki.
Mme Mabina o tlhalositse fa go na le ditiro tse dintsi tse ba di dirang jaaka go rutana ka tsa kapei, temo ya ditlhare gammogo le thuo ya dikoko.
O tlhalositse gore ga ba eletse go bona mme yo o neng a nna mo kampeng a tshela botshelo jo bo sa itumediseng morago ga go tlogela tiro kana rre a sa tlhole a bereka.
O tlhalositse gore go tshwanetse gore morago ga go tlogela tiro batho ba bo ba na le se ba ka se dirang go tlisa dijo mo lwapeng a bone.
Mme Mabina a re ba na le keletso ya go tsena mo setshabeng sa Selibe Phikwe go thusa bana ba ba tlhokang ka go ba abela diaparo le tse ba ka tswang ba di tlhoka. O tlhalositse gore ba Botswana Defence Force ba ba thusa ka madi mme ga go a lekana ka jaana mokgatlho wa bone o tlhoka madi a mantsi.
Mme Mabina a re ba dira ditiro tse di farologaneng go tsenya madi jaaka go dira bommabontle, go apaya dijo le go dira mogwanto, a tlhatsa ka gore kompone ya BCL le yone e ba eme nokeng. Mme Mabina o tlhalositse gore kgwetlho e nngwe ke gore bontsi ja bomme ba a bereka ka jalo ba nna le nako e khutshwane ya go kopana mme go sa reye gore go ka ba kgoba marapo ka ba kgonnne tse dintsi ka kemo nokeng ya borre ba bone.
Mme Mabina a re maikaelelo a bone ke go bona mme mongwe le mongwe yo o mo kampeng a tsene mo mokgatlhong wa bone ka ba ka anya go le gontsi mo go ba bangwe.
Fa a ba fa lefoko la kgothatso, Brigade Sergeant Major Stoney Siwane o tlhalositse gore le fa e ne e le tiro ya ntlha ya mofuta oo, go supagetse fa ba na le tebelopele le maikaelelo a go tlhabolola setshaba e le bomme ba mokgatlho wa EMG Women kwa Selibe Phikwe.
O tsweletse a tlhalosa gore tiro nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone mme seo se seka sa ba kgoba marapo mme ba se dirise go fitlhelela se ba batlang go se dira.
Rre Siwane o tlhalositse gore mowa wa lorato le go nna moono o le mongwe ke tsone tse di dirileng gore ba bo ba kgonne se ba neng ba se ikaeletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Tiro ya go phepafatso le go penta kgotla
Date : 19 Nov 2014