Breaking News

Dijo tsa setswana pinagare ya botsogo

19 Nov 2014

Banni ba Mahalapye ba gakolotswe go inaakanya le go ja dijo tsa setswana ka go lemosegile fa di na le dikotla tse di kwa godimo e bile di sena matshosetsi ape mo botsogong .

E rile a bua kwa letsatsing la segopotso sa bolwetse jwa sukiri bosheng, moitseanape wa dijo wa kokelo ya Mahalapye, Mme Letlhogonono Gabanamotse a tlhalosa gore go botlhokwa gore motho a je dijo tsa moso ka e le tsone di fang  maatla a go ka dira tiro ya letsatsi.

A re dijo tsa moso ke konokono e bile di tshwanelwa ke go jewa ka nako. O kaile fa dijo  di akaretsa mabele, dinawa, letlhodi, korong le merogo gammogo le maungo di siametse botsogo ka jalo di tshwanetse go jewa gangwe le gape. 

O tsweletse ka go tlhalosa fa go ja gararo ka letsatsi le go sa a ja fa gare ga dinako tsa dijo go le botlhokwa thata e bile go gogela mo botsogong jo bo itumedisang. Mme Gabanamotse a re dijo tsa setswana tse go lebegang bontsi bo di ikgatholositse mo nakong tsa segompieno ba sia le tsa sesha, ke tsone di ka thibela ba le bantsi mo diphatseng tsa malwetse a a sa laolesegeng a a bakiwang ke go sa jeng sentle.

O gwetlhile morafe go nna kelelelo ka fa ba jang ka teng ka bolwetse jwa sukiri bo le borai mme bo bakiwa ke go ja mo go sa lolamang. Mme Gabanamotse o kgadile tiriso ya mafura a mantsi mo dijong gammogo le go ja dijo tse di mafura tse go le gantsi ba di jang ba itlakisa ntswa ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng.

O gakolotse gore letswai le le ntsi ga le a siamela mmele ka le sesafatsa ditshika mme se se dire gore madi a seka a kgona go feta ka thelelo mo ditshikeng. 

A re sukiri e ntsi e diphatsa fela thata ka e na le maatla a mantsi thata jalo maatla a mmele o sa a tlhokeng o a fetolelwa kwa mahureng seo se raya gore  sukiri e borai fela jaaka mafura. 

O kaile gore fa bobedi jo bo sa elwe tlhoko bo ka baka mmele o motona o a kaileng fa o le borai e bile batho ba one ba tshabelelwa ke malwetse a tshwana le madi a matona.

Mme Gabanamotse a re bolwetse jwa sukiri bo ka bakwa gape ke go iphitisa dino a tlhalosa fa bojalwa bo sena dikotla dipe mo mmeleng mme bo na le maatla a a kwa godimo ka jalo bo ka isa sukiri kwa godimo, jalo a gwetlha Batswana go fokotsa go iphitisa dino gonne dipatlisiso di supile fa tiriso ya nnotagi e le kwa godimo mo Batswaneng.

A re gape ba ka tlhabantsha bolwetse jwa sukiri ka go ja maungo. 

E re le ntswa go ntse jalo, Mme Gabanamotse a re dipatlisiso tse dingwe tse di dirilweng di supile fa Batswana ba sa je maungo sentle ka ba re a a tura, ka jalo o ba gwetlhile go itemela ditlhare tsa maungo mo malwapeng gammogo le go itirela ditshingwana tsa merogo.

 Fa a tswa la gagwe , molwetse wa sukiri Mme Mmaiterone Sengalo a re go botlhokwa thata go tsaya ditaelo tsa ba bongaka mme e bile molwetse o tshwanetse go emela seemo sa gagwe ka dinao.

Mme Sengalo a re kalafi ya bolwetse jwa sukiri e mo dijong, ka jalo o gwetlhile ba ba iphitlhelang ba le mo seemong se se tshwanang le sa gagwe go ja dijo tsa setswana gammogo le merogo le maungo.

 O boletse fa Batswana Batshwanetse go boela  kwa mokgweng wa bone wa tlholego wa go ja merogo le maungo gammogo le go itshetsa ka temo.

O tlhalositse gore bontsi jwa batho fa ba bongaka ba ba tlhalosetsa gore ba tshwanetse go ja dijo tsa mofuta ofe ba nna kgatlhanong le seo ba bolela fa dijo tsa balwetse ba sukiri di tura jalo a ba gwetlha go ikanya dijo tsa temo.

A re bolwetse jwa sukiri ga bo batle kgatelelo ya maikutlo ka jalo bo tlhoka  gore molwetse a itse go laola maikutlo a gagwe , a itshidile mmele la bo a reetse dikgakololo tsa ba bongaka. 

Mme Sengalo o kgothaditse batho go tlogela go reetsa dikgang tse di senang boammaaruri ka bolwetse jwa sukiri mo nageng mme a re ba ikanye tsa bongaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Letsatsi la segopotso sa boletse jwa sukiri

Date : 19 Nov 2014