Breaking News

Kereke e lwantsha kgokgontsho

18 Nov 2014

Moruti wa kereke ya Spiritual Healing Church, Rre Charles Koitsiwe a re kgokgontsho ya bong ga se tsela ya go fedisa mathata mo lenyalong le mo botsalanong jwa batho ba ba iseng ba nyalane.

Mo moletlong wa go tsibosa setshaba ka kgokgontsho kwa Mogoditshane bosheng, Moruti Koitsiwe a re  kereke e itebagantse le go ruta ba ba kopantsweng ke lenyalo le ba ba ikopantseng ka boikgapho le boikanyego mme a gatelela gore bakapelo ba tshwanetse go nna ka mogopolo le pelo ele ngwe fela go fema kgokgontsho.

A re bakapelo ba tshwanetse go itlwaetsa go direla sengwe le sengwe mo mpaananeng le ka boammaaruri, go itsa dipelaelo mo leratong.

O  tsweletse a tlhalosa fa ba rotloetsa baratani le banyalani go tlotlana mme a gatelela gore sengwe le sengwe se motho yo o mo leratong a eletsang go se direlwa, go botlhokwa gore ene a simolole ka go se direla yo mongwe.

A re borre ba rwesitswe korone ya go nna tlhogo ya lelwapa mme se, ga se a tshwanela go nna one modi wa kgokgontsho, a tlatsa ka gore phetolo e e bori e tlisa lerato mme fa motho a bua sentle ka matsetseleko o kgona go tlhopha mafoko.

Moruti Koitsiwe a re ba lemogile gore madi a na le thata ya go thuba motse ka jalo ba itebagantse gape le go ruta phuthego le setshaba go dirisa madi ka kelelelo.

A re o swabisiwa ke gore go na le batho ba ba agileng malwapa mme yare kwa morago ba a thuba ka go tlhoka kelelelo mo go diriseng madi. 

O tsweletse a re dikereke dingwe mo Botswana di ntshitse mafelo a tsone go nna kwa go tlhokomelelwang batho ba ba kgokgontshiwang teng mme se, se supa fa kereke e itlamile go bontsha setshaba bodiphatsa jwa kgokgontsho le go romiwa fa go tlhokafalang teng go lwantsha seemo seo.

O kgothaditse botlhe ba ba kgokgontshiwang go kopa thuso kwa dikerekeng ka di ba buletse dipati nako tsotlhe.

 E rile a tswa la gagwe, mogolwane kwa lekgotleng la Gender Links Botswana, Mme Gomolemo Rasesego a re dikgang tsa kgokgontsho di tlisiwa ke go tlhoka tekatekano kwa malwapeng le kwa ditirong.

Mme Rasesego a re le fa go ntse jalo borre ba teng ba ba kgokgontshiwang fela go santse gole thata gore ba tswele kwa ntle ka seemo se ka jalo maikaelelo a bone ke go tsenya borre mo lenaneong gore ba itse gore ba  amega gole kae. 

O boletse gore kgokgontsho e ka senya sengwe le sengwe se sentle se batho ba se itiretseng e bile e dige le seriti sa lefatshe. Phuthego e, e ne e rulagantswe ke bomme ba sepodise sa Botswana ka fa tlase ga setlhogo sa ‘Go emisa kgokgontsho ya bong; Pitso ya mongwe le mongwe’. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Moletlo

Date : 18 Nov 2014