Breaking News

Khume o tlaa emela kgaolo ya Tutume

18 Nov 2014

Dikgosi tsa kgaolo ya Tutume di rometse Kgosi Rapelang Khuwe wa Marobela go ya go emela bogosi jwa kgaolo eo kwa ntlong ya dikgosi.

Kgosi Khuwe o nnile mofenyi mo ditlhophong tse di neng di tshwerwe kwa Tutume bosheng tsa go tlhopha moemedi wa bogosi jwa kgaolo.  Ditlhopho tseo tse di neng di tsamaisiwa ke molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, di ne di emetswe ke Kgosi Khuwe le Kgosi Rebagamang Rancholo wa Nata.

Kgosi Rancholo yo o latlhegetsweng, a re bone ka  palo ya dikgosi e le kwa tlase, tsamaiso eo e  ba  baya ka fa mosing ka jalo a kopa gore go fetolwe tsamaiso gore go kgone go fapaanelwa kemedi eo, ka fa  e ka salwa morago ba metse ya Tutume ka palo ya bone e ntsi  ba tlaa nna ba  ba fekeetsa mme  e nne  bone  ba  ba nnang ba isa  kgosi go emela  kgaolo. 

Kgosi Jenamo Magapatona wa Tutume a re tlhopho ke sephiri ka  jalo ga ba kake  ba netefatsa gore dipalo tse ba  di boneng ba  a bo ba  tlhophilwe ke batho ba  ba tswang mo metseng eo. O tsweletse a re o akanya fa  batho  ba  tlhopha motho ba lebile boleng le bokgoni jwa  gagwe e seng gore ke wa letlhakore lefe.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oletsositse Mosweu wa Dukwi yo o kileng a emela kgaolo kwa ntlong ya dikgosi, o ba kopile gore ba seka ba tsaya tlhopho eo jaaka ya sepolotiki ka  e tlaa  ba kgaoganya.

Kgosi Mosweu o tsweletse a re e le magosi ke  bone  ba  ba  tlisang thitibalo  mo lefatsheng ka jalo go botlhokwa go farologanya segosi le  sepolotiki. O ba kopile go ema Kgosi Khuwe nokeng ka a emetse kgaolo ya  bone.

Molaodi wa kgaolo, Rre Michael Chilimba o akgotse dikgosi tseo go bo di tsamaisa ditlhopho sentle. A re fa e le gore bangwe ga ba itumelele tsamaiso eo ba na le tshwanelo ya go ka e fetola. 

Rre Chilimba o boletse fa a bone gore go na le  digongwana mme  a tsaya gore ke yone tsamaiso  jalo o ne a ka seke a ba kganele ka fa ba dirang ka teng go tswa ka maina a bontlhopheng ba bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Ditlhopho

Date : 18 Nov 2014