Breaking News

Metshameko konokono ya botsogo

18 Nov 2014

Go bolelwa fa metshameko e le botlhokwa mo botsogong ka e thusa go koba makoa mo mebeleng. 

E rile a bua kwa letsatsing la itshidilo mmele le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, modulasetilo wa komiti ya tsa itshidilo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ebile e le kgosi ya Mambo, Rre Obuile Mambo a re ba tshwentswe ke batho ba ba sa jeng sentle fa godimo ga moo ba le boitseme go ka itshidila.

A re Batswana ka bontsi ba tshabelelwa ke makoa a ba ka bong ba a lwantsha ka go itshidila le go ja dijo tse di nang le moroko ka di thusa gore madi a fologe sentle le ditshika mo mmeleng. 

A re fa Batswana ka bontsi ba ka itshidila mebele, malwetse a a  akaretsang jwa madi a matona, jwa go tlhaelelwa ke madi le  jwa sukiri a ka bo a sa gatelela bontsi jwa batho jaaka dipalo tsa ba botsogo di supa.

O boletse gore mokgatlho wa gagwe  o tsamaya le metse ka go farologana  mo kgaolong morago ga dikgwedi tse tharo go rutuntsha le go itshidila mmogo le banni ba metse eo.

Kgosi Mambo o supile fa mo legatong le le fetileng kwa motseng wa Kgari, ba thusitse le go phepafatsa motse ka jaana bophepa le jone e le tsela nngwe e e rotloetsang botsogo jo bo siameng.

Kgosi Mambo a re e re ka ba bereka le batho ba ba farologaneng letsatsi le letsatsi, bangwe ba bone e le ba ba a bong ba tlile go ikuela, go tlaa bo go le thona gore ba ba fitlhele ba le mo seemong se se sa itumediseng ebile se sa ba letle go ka ba thusa ka botlalo jaaka go solofelwa.

O tsweletse ka go supa fa  dikgwetlho di le dintsi thata mo matshelong a segompieno ka jalo go le botlhokwa gore ba sidilwe maikutlo  gore ba seka ba kgoreletsega go ntsha maduo mo ditirong. 

Mo ntlheng e sele, o kgadile mokgwa o mo go one batsadi ba laolwang ke bana ba bone go itlhophela se  ba batlang go se ja. A re bana ka bontsi ba gana go ja dijo di tshwana le mabele ba ipeile fela mo dijong tse di senang dikotla.

O kopile batsadi go gagamatsa molao fa go tla mo go tsa itshidilo le dijo  a bo a ba  tlhagisa gore ba seka ba letlelela bana go ba tseela ditlhaloganyo segolo jang fa go tla mo go se se tshwanetseng go jewa.

 A re bontsi jwa bana ba tsaya nako ba a ja dijo tse di sukiri mme ebile bangwe ba lebeletse dithelebishini go na le go itshidila mebele ka metshameko e e farologaneng.

E rile a tswa la gagwe, leloko la komiti eo ebile e le kgosi ya motse wa Letsholathebe, Rre Gillard Letsholathebe a re letsatsi le tshwana le leo le  tshwanetse go tsewa ka manontlhotlho ka le thusa go tlisa pharologanyo mo matshelong a Batswana.  

 A re o akgola botlhe ba ba tsayang nako ya bone go itshidila gonne seo ga se a tshwanela go nna tiro ya batho basweu fela ka e le bone ba tlwaetsweng ka go itshidila.

A re go itshidila go fokotsa dipalo tsa ba ba ikopang mo ditirong ka mabaka a malwetse, a supa fa gape go ikopela ruri mo tirong go dia go ntsha maduo mo ditirong  ebile go ama le yone  itsholelo ya lefatshe.

Mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Kebabonye Phillip a re maphata a tshwanetse go nna le mekgatlho e e eteletseng pele tsa itshidilo go goga ba ba saletseng kwa morago. 

A re e le ba tsamaiso ya makgotla a Setswana tiro ya bone ga se go atlhola le go sekisa batho fela mme ba tshwanetse go bona gore ba dira seo ba itekanetse mo mebeleng, mowa le tlhaloganyo.

Mme Phillip o tlhalositse fa metshameko e se ya bana fela mme e le ya botlhe ka e na le maduo a mantle mo matshelong a batho ka go farologana. Banni ba motse wa Letsholathebe ga mmogo le babereki ba makgotla a Setswana ba ne ba itshidila mmogo ka go tshameka kgwele ya dinao, bolotloa ga mmogo le mabelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : LETSHOLATHEBE

Event : Letsatsi la itshidilo

Date : 18 Nov 2014