Breaking News

Kedikilwe o rotloetsa kagisano

18 Nov 2014

Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o rotloeditse mowa wa kagisano le tshwaragano mo banning ba Kgagodi le metse e e mabapi ya Diloro le Mogapinyana.

Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle o a neng ao diretswe ke banni ba Kgagodi bosheng, Dr Kedikilwe a re o eletsa gore go nne le kagisano le tirisano mmogo mo metseng eo gore matshelo a bone a tswelele pele.

A re gangwe le gape o boditse gore fa ele molelwane le lefatshe tota fela go lwelwa eng ka ene ga a bone molato wa gore Motswana mongwe le mongwe a nne fa a eletsang teng.

Dr Kedikilwe a re letlhoo le lefufa di motlhofo go jalega mme di sologela molemo batho ba ba di tlhotlheletsang mme  o kopile dikgosi  go agisanya morafe eseng go tlhotlheletsa dikgotlhang a bo a kgothatsa morafe go ikemele ka dinao gore o seka wa raelesega ka jalo o kgone go tsaya ditshwetso tse di tla tsisang kagiso le tirisanyo mmogo.

A re ntwa e thata e bile e emisa ditlhabololo mme maduo a yone kwa morago ke loso. O tsweletse a  re dikgosi di tshwanetse go babalela merafe ya tsone le go di goga  kwa pele mo dikgannyeng tsa ditlhabololo. Dr Kedikilwe a re ga a kake a latlha banni ba kgaolo ya Mmadinare mme o tla ba thusa thata mo dikgannyeng tsa ditlhabololo gore ba tlhabolole matshelo a bone.

O tsweletse a re o eletsa go bona morafe o eme ka dinao o tshwaraganetse ditiro tsa tlhabololo matshelo gammogo le magae a bone, go itlhamela ditiro le go tokafatsa matshelo a bone.

Mo go tse dingwe Dr Kedikilwe o lebogetse thata dimpho tse a di filweng ke banni ba kgaolo eo, a tlhalosa fa go supa tshwaragano, lorato le tirisano mmogo fa gare ga gagwe le banni ba Kgagodi. O lebogetse dingwaga tse a saleng a bereka le bone ka tsone go tswa ka 1984 a simolola go nna mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare go fitlhelela monongwaga fa a tlogela tiro ka bogodi.

Fa a tswa la gagwe,  Mme Dithamane Kgagodi o boletse fa  a lebogela ditlhabololo tse di tsisitsweng ke Dr Kedikilwe mo motseng wa bone. A re ba kile ba bo ba nwa metsi a didiba tsa petse mme mo nakong eno ba nwa metsi a a tlhatswitsweng a letamo la Lotsane mme e bile gape motse wa bone o kile wa bo o sena motlakase le ditlhaeletsano mme le tsone di teng mo nakong eno.

O lebogetse ditsela tsa sekontere, poso le sekole se se golwane sa Kgatadimo ga mmogo le bookelo jo bo atolositsweng. A re ba tla berekisana sentle le mopalamente yo mosha wa kgaolo eo go tsweledisa motlhala wa ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 18 Nov 2014