Dikomiti di supa kutwelo botlhoko
18 Nov 2014
Maloko a dikomiti tsa botsogo kwa Matobo, Makuta, Nshakashogwe, Sebina le Nswazwi ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko ka go agela Mme Tokuno Mashongo ntlwana ya boitiketso.
Fa a bua kwa moletlong wa go rola ntlwana eo, mogolwane wa bommaboipelego ba kgaolo potlana ya Tutume, Mme Girly Mathangwane o akgotse maloko a dikomiti tseo go bo ba tsweletse ka go rotloetsa botsogo jo bo kgatlhisang mo metseng ya bone.
Mme Mathangwane a re go nna le ntlwana ya boitiketso le gone go e dirisa mo go maleba ke tsela nngwe ya go rotloetsa botsogo gammogo le pabalesego ya tikologo ka go hema kanamo ya malwetse a a farologaneng.
A re ka go aga le go aba ntlwana e, maitlamo a letshego le le rotloetsang botsogo jo bo amogelesegang ka 2016 le tla atlega, mme a supa fa go itumedisa go bona Batswana ba tsere boikarabelo jwa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Mme Mathangwane o bile a akgola maloko a dikomiti tseo go bo ba dira ka lorato le boineelo, a supa fa bontsi jwa ditiro tsa komiti ba di dira ka ditshenyegelo tsa bone jalo a ba kgothatsa go tswelela ba tsholetsa serodumo sa mowa wa boithaopo. A re le ntswa go sena dipe dikatso tse di kalo tse ba di amogelang, se se botlhokwa ke go lemoga fa ba direla lefatshe la bone molemo gape ba tokafatsa matshelo a Batswana ba bangwe.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti kgolo e e okametseng dikomiti tse, Mme Balebi Shaka a re maikaelelo a dikomiti tse ke go rotloetsa botsogo jo bo kgatlhisang mo metseng ka go farologana.
O supile fa ba tswa kgakala ba tshegeditse moono wa dikomiti tse tsa botsogo, a re ka 2012 le 2013, ba dirisitse madi a a fetang dikete di le lesome le bobedi go rekela balwetse ba ba tlhokomelelwang mo malwapeng didirisiwa di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang le tse dingwe ka go farologana.
A re ngwaga ono ba ne ba itlamile go agela mongwe yo o tlhokileng lesego ntlwana ya boitiketso, ka jalo ba feletse ba agela Mme Mashongo.
Mme Shaka a re gore ba felele ba agile ntlwana e, maloko a komiti a ne a ithaopa go ntsha ditena di le tlhano mongwe le mongwe wa bone, ba apaya dijo tsa motshegare, mme ba rekisetse batho mo godimo ga moo ba ne ba fiwa dithuso ka go farologana ke dikomiti tse dingwe tsa motse le batho mo motseng.
Go sale foo Mme Shaka o rotloeditse borre go tsaya karolo mo dikomiting tsa motse ka go farologana.
A re go ikgogela morago ga bone, ga go itumedise ka jaana ditiro dingwe di batla matsogo a borre. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Moletlo wa kabo ya ntlwana
Date : 18 Nov 2014