Breaking News

Tautona o itlama go tlhabolola Batswana

17 Nov 2014

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o itlamile go oketsa ka fa a ntseng a dira ka teng go tlhomamisa gore matshelo a Batswana a a tlhabologa.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng ka Tshipi,  Tautona a  tlhalosa fa a se kitla a boela morago tsholofetso ya  go tlhabolola matshelo a Batswana go netefatsa gore seemo sa itsholelo ya bone se a tokafala.

A re tokafalo ya seemo e ya go dira gore go berekwe phetelela go leka go busetsa seemo sa matshelo a batho le sa ditiro tsa ditlhabololo tse di neng tsa amiwa ke bothata jwa kwelotlase ya itsholelo.  

O kopile banni ba kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane go tlhaloganya fa mopalamente wa bone, Rre Vincent Seretse a filwe boikarabelo jwa go etelela lephata la papadi le madirelo ka jalo jaaka matona a mangwe, ba ya go kgaogelwa ke mpeetshane go itebaganya le lefatshe ka bophara eseng dikgaolo tsa bone fela.

Mabapi le matshwenyego a e neng a rolwa ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre David Tumagole, Tautona Khama o ne a solofetsa fa a tla tlhomamisa gore maphata a amegang a tsibogela dikgang tse di amang matshwenyego a morafe mo nakong e e sa fediseng pelo a akaretsa go  tlhomamisa gore dikokelwana di dira ka baoki ba babedi go hema seemo se mo go sone morafe o sa boneng dithuso fa mooki a seyo. 

Fa a itebaganya le seemo sa tsela ya Lentsweletau/Hatsalatladi, o boletse fa  ele nngwe ya ditiro tse di neng tsa busediwa morago jaaka bontsi jwa ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo mme a solofetsa gore jaaka seemo sa itsholelo se tokafetse go tla a simololwa go itebaganngwa le tsone jalo a kopa morafe go nna pelo telele. 

Rre Tumagole o ne a bolela fa ba sa itumedisiwe ke go tlhoka lepodisi la maemo a magolwane go thusa go kwadisa leruo, tiego ya  mananeo a dithuso tsa puso le dikgang tsa borukutlhi, matlo a borutelo a a ranyegileng a a reng a tsenya matshelo a baithuti le barutabana mo diphatseng gammogo le  seemo se se sa itumediseng sa tsela ya Lentsweletau/Hatsalatladi  e a reng se kgoreletsa metsamao wa bone ka jaana ba amogela dithuso mo bodireding kwa Lentsweletau. 

Mogolwane wa mapodisi a Kweneng , Senior Superintendent Cavin Mookodi, o solofeditse fa thulaganyo e dirilwe go fudusetsa lepodisi la maemo a sergeant kwa motseng wa Hatsalatladi mme ba  emisitswe ke tlhaelo ya boroko. 

Mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Wazha Tema  ene o solofeditse fa ba dirile maiteko a go fefosa tiego e e tshwenyang morafe ya dikgang tsa nyeletso lehuma ka go thapa badiri ba boipelego ba le masome mabedi le boferabongwe ka maikaelelo a go fefosa tsamaiso ya lenaneo leo mo kgaolong ya Mokwena.

Mabapi le kgang ya go ranyega ga matlo a borutelo o boletse fa ba tsere tshwetso ya gore go emisiwe  tiriso ya one ka ba batla go a thuba ka tsholofelo ya gore a tla a agiwa mo tshimologong ya ngwaga wa madi wa 2015/2016. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE­

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Nov 2014