Banni ba tla a ora wa mariga
17 Nov 2014
E rile bosheng banni bangwe ba Kgomodiatshaba mo kgaolong ya Kgatleng ba fiwa dikgomo ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba itshetse.
E rile a bua kwa motseng oo mo boemong jwa mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, mogolwane wa lekalana la boipelego Mme Baledzi Makubate a re puso e tsweletse ka go tlhabolola mananeo a nyeletso lehuma gore a sologele Batswana molemo.
A re letsatsi leo, le kgethegile fela thata ka jaana banni ba motse oo ba le bararo ba fiwa mpho ya dikgomo gore ba simolola go tlhabolola matshelo a bone.
A re Rre Gasekgotla Setshego, Nametso Kgotlaetsile le Bantsi Kelebogile ba tla tshwanelwa ke go ema ka dinao go dira ka natla gore dikgomo tseo di tokafatse matshelo a bone. A re o itse sentle gore gantsi borre ba dira sentle mo go thuong ya dikgomo ka jalo o na le tsholofelo ya gore dikgomo tseo di tla ata.
Mme Makubate o tlhalositse gore borre bao ba seka ba ikgatholosa mpho ya dikgomo tse ba baya gore puso e tla a ba thusa, a bolela fa ba tshwanetse go ema ka dinao go ntsifatsa leruo leo.
O tsweletse a ba kopa gore ba se fele pelo bogolo jang ka kgomo e se bogadi bo gaufi jaaka pudi, yone e batla bopelotelele gore mong wa yone a robe maungo mo go tsone.
O kopile batsadi go ema borre bao nokeng le morafe ka kakaretso ka jaana fa go le thata go tlhoka mongwe yo o ka go thusang gore o se nyeme moko.
Mogolwane wa boipelego o ba kopile gape gore ba tshwaragane ba dire mmogo gore ba thusane fa go le bokete ka seo se ka ntsha maduo a a botoka go na le fa ba ikemetse ka nosi.
O ba kgothaditse gore ba dire ka natla mme e bile fa ba tshwaragane e ka re mo nakong e e tlang ba simolola kgwebo ya nama mo motseng wa bone jalo matshelo a bone a tokafale le go feta.
Le fa gontse jalo, o supile matshwenyego ka bangwe Batswana ba ba fiwang mananeo a sebopego se mme morago ba a tshele mmu ka ba sa a neye lorato le tlhokomelo e e tshwanetseng. Fa a bua mo boemong jwa borre ba ba amogetseng dikgomo tseo, Rre Nametso Kgotlaetsile a re
ba tsile go dira ka gotlhe go tlhokomela dikgomo tseo le go di tsadisa gore ba bone dipoelo mo isagong. Rre Kgotlaetsile a re ga go kake ga nna motlhofo ka thuo e na le dikgwetlho tsa yone mme ba solofetsa go ema ka dinao gore ba supe katlego ya bone e e simolotseng e le thuso ya puso.
E ne e rile go le pele a amogela baeng, kgosi ya motse wa Kgomodiatshaba, Rre Peter Kgakole a supa fa leruo le le botlhokwa mo matshelong a Batswana ka le ba dirile se ba le sone mo nakong eno.
Kgosi Kgakole a re o lebogela dikgomo tse di filweng banni ba motse wa gagwe ka jalo o ba kgothatsa go tlhoafalela tlhokomela le kgodiso ya tsone ka seo se ka tokafatsa matshelo a bone fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Nov 2014