Breaking News

Modongo o kgatlhanong le boitseme

17 Nov 2014

Kgosi Kgetsi Modungo wa Nshakashogwe mo kgaolong potlana ya Tutume o kgadile mokgwa wa go nna boitseme go ka itirela sengwe se ba ka itshetsang ka sone ka tsholofelo ya gore puso e tla a badirela sengwe le sengwe.

Fa a bua kwa moletlong wa go abela Mme Tokunu Mashonga ntlwana ya boitiketso bosheng, Kgosi Modungo a re le ntswa ba rotloediwa e bile ba beilwe mananeo a a farologaneng pele go ka itshetsa ka one, ga ba tsiboge mme a re seemo sa go nna jaana se a ama gape se ka rotloetsa le lone lehuma. 

O tlhalositse fa bangwe ba tsaya gore jaaka puso e tsweletse ka go tla ka mananeo a a farologaneng jaana go raya gore ba nne fela ba tla fiwa sengwe le sengwe. A re Batswana ba tshwanetse go lemoga fa maikaelelo a mananeo a e le go ba tlhagolela tsela le gone go ba rotloetsa go ka itirela. 

Kgosi Modungo o kgadile a sa kgwe mathe bangwe ba ba amogetseng dithuso ka go farologana mme ba tlhoke go tsenya moko mo nameng, phelelong dithuso  di phutlhame.

A re dithuso tse puso e di fang Batswana ga di na selabe, sebe sa phiri ke gone gore bangwe ba nna boitseme le go di tlhokomela le gone go batla maano a go di godisa sengwe se a supang se felela se diga boleng le maikaelelo a tsone dithuso tse. 

Mo go tse dingwe, Kgosi Modungo a re le ntswa puso e atolotse letsogo ka go tla ka maano le gone go rotloetsa banana go dira ditiro tse ka tsone ba ka tlhabololang matshelo a bone, se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe banana mo motseng wa gagwe ga ba supe kgatlhego fa bangwe bone ba na le mowa wa go kgala ba ise ba lekeletse lepe la mananeo. 

A re se se tshwenyang le go feta ke gore bone ba banana ba, ba setse ba iphetotse bakgokgontshi ka  ba inaakantse le go betsa le go thukutha batho bogolo jang bagolo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Moletlo wa kabo ya ntlwana

Date : 17 Nov 2014