Tshesebe o ipaakanyetsa go baya kgosi
17 Nov 2014
E tla a re ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Seetebosigo, banni ba Tshesebe ba baye semmuso Kgosi Motlotlegi Kachana mo setilong.
Mo potsolotsong le moanamisa mafoko wa komiti e e rulaganyetsang tiro eo bosheng, Rre Dennis William o boletse fa tiro eo e ka bo e tshwerwe kgwedi eno ya Ngwanatsele e le lesome le botlhano jaaka ba lelwapa la bogosi ba ne ba eleditse mme ka ntlha ya go salela morago ga dipaakanyo ya tlosolosiwa.
Sengwe se se feletseng se tlama komiti go kopa tlosoloso, go tlhalositswe gape fa e le go lemoga fa molaetsa o ne o sa anama sentle go fitlhelela ba-na-le seabe botlhe.
Rre Dennis a re bana ba motse oo ba ba direlang kwa mafelong a sele ga a amogela molaetsa botlhe jalo a re seo se ne se ka kgoreletsa go dira tiro ka matsetseleko ka jaana le bone ba tshwanelwa ke go tsenya letsogo.
O supile gore e re ka jaana tiro eo e ya go ngoka batho go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe leno, ga se maikaelelo a bone go dira sogosogwane mo go e baakanyetseng, a bolela fa go dira ka manontlhotlho a a kwa godimo go ka itumedisa ga ba ga supa le yone tlotla e ba nang le yone mo kgosing ya bone.
Rre William o tlhalositse fa morafe o setse o simolotse go latlhela seabe sa one mo letloleng la tiro eo mme le fa go le jalo a gwetlha ba ba saletseng kwa morago go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo ka tsela epe fela e ba ka e kgonang.
O roletse hutshe dikomiti tse di farologaneng tsa motse oo go bo di ba eme nokeng jaaka ba baakanyetsa tiro eo ya mokatakata, a akgola segolo bogolo badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone go bo ba sa ikgogone mo go baakanyetseng tiro eo.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti, Rre Simonda Masole o tlhalositse fa a kgotsofalela ka fa dipaakanyo di tsamayang ka teng mme e bile a dumela fa e tla re nako ya peo ya kgosi e goroga tsotlhe di bo di apere tshiamo.
O kaile gore e le morafe wa motse wa Tshesebe ba ne ba dumalana go ikgaoganya ditiro ka dikgotlana tse nne tsa motse oo mme a re seo se tla a ba nolofaletsa go fitlhelela maikaelelo a bone.
Mo go reng a ba nale thulaganyo ya go thusana le metse e e mabapi mo ditirong tsa mothale o, Rre Masole o boletse fa tota go sena thulaganyo ya go nna jalo e e kileng ya dirwa le fa go ntse jalo, a re komiti e tla kwalela dikgosi tsotlhe tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba go ba itsese le go ba laletsa go tsena moletlo oo.
O tsweletse a re go tla tswa mo metseng e e farologaneng gore ba nna le seabe jang mo tirong e.
Kgosi Kachana o tsaya setilo sa bogosi jwa motse wa Tshesebe morago ga loso lwa ga rangwanaagwe, Kgosi Kedifentse Kachana yo o tlhokafetseng ngogola morago ga go mo tshwarelela bogosi go tloga ka 2001 fa Kgosi Matsapa Kachana rraagwe kgosi wa nako eno a sena go tlhokafala ka 1999. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : TSHESEBE
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2014