Botlhokatsebe bo wetse tlase kwa Tutume
17 Nov 2014
Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re dikgang tsa borukhutlhi jwa go thujwa ga matlo le marekisetso gammogo le melato ya petelelo tse di neng di tsweletse ka go tshwenya mo motseng oo le e mengwe e e mabapi di wetse tlase.
Mo potsolotsong bosheng, Supt Halahala o supile gore go tswa ka Hirikgong go fitlha Motsheganong mono ngwaga ba kwadisitse dikgang tsa borukhutlhi jwa go thujwa ga matlo le marekisetso di le lesome le borobabongwe fa ya petelelo yone ele lesome le botlhano.
Le fa go ntse jalo, Supt Halahala o supile fa melato eo e wetse tlase, a tlhalosa fa go tloga ka Seetebosigo go fitlha Phalane ba gatisitse melato ya borukhutlhi jwa go thujwa ga matlo le marekisetso e le lesome fa ya petelelo yone e le metlhano fela.
A re fa ba tshwantshanya dipalo tse, go supa fa borukhutlhi bo wetse tlase mme a tlhalosa fa a itumelela seo ka a re go supa gore Batswana ba sekegela tsebe melaetsa le dikgakololo tse di ntshiwang ke sepodisi tebang le go lwantsha borukhutlhi.
O bile a akgola popagano e e fa gare ga setshaba, maloko a dikomiti tsa twantsho borukhutlhi le ba sepodisi, a supa fa tirisanyo mmogo le yone e na le seabe se se tona mo kwelo tlaseng ya borukhutlhi.
Mo go tse dingwe, Supt Halahala o supile fa ba sa ntse ba lebanwe ke kgwetlho ya batswakwa ba ba mo lefatsheng leno e se ka fa molaong.
O supile fa bontsi jwa batswakwa ba, ba bonala kwa merakeng le kwa masimong mme a supa fa seemo se, se rotloediwa ke bangwe Batswana ba ba tsweletseng ka go ba amogela le go ba fa ditiro le bonno go se ka fa molaong.
Supt Halahala o tsweletse a supa fa a sa itumedisiwe ke dintwa tse di tlhagogang bogolo jang fa gare ga baratani ba banana. A re sengwe se se rotloetsang dikgotlhang tse ke manyalo a a seng ka fa molaong a bangwe banana ba inaakantseng le one.
A re go kopanela dithoto ga banana ntswa ba sa nyalana go na le seabe mo go bakeng dintwa tse bogolo jang fa ba setse ba kgaogana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2014