Breaking News

Badiragatsi ba kgothadiwa go itsaa tsiya

17 Nov 2014

Badiragatsi ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba ba rotloeditswe go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo ka jaana e ka thusa thata mo maitekong a go nyeletsa lehuma. 

E rile modiri wa lephata la banana, metshameko le ngwao, Rre Caiphus Kopelang a bua kwa dikgaisanong tsa bodiragatsi tse di neng di tshwaretswe kwa Tshesebe ka Matlhatso a gwetlha badiragatsi go lesa go inyatsa mo go se ba se dirang ka go setse go supagetse fa bodiragatsi bo ka kgona go ba tlodisa melatswana e tletse ka bangwe ba bone ba setse ba robile maduo a tiro ya bone.

O ba rotloetsa go dira ka natla go ipapatsa, a supa fa ntleng le ipapatso e e mashetla go tla seke go nne bonolo gore ba kgone go bona sebaka sa go rekisa ditirelo tsa bone mo setshabeng.

 Go sale foo, Rre Kopelang o ikuetse mo badiragatsing ba ba neng ba tseneletse dikgaisano tseo go dirisa madi a ba a boneng ka kelelelo.  

O supile fa maikaelelo a puso a go simolodisa dikgaisano tseo e ne e le go ba fa sebaka sa go tokafatsa matshelo a bone ka lemme le ba atswiwang ka lone mme go sa tshwanela gore morago ga gore puso e tshele diketekete tsa madi mo dikgaisanong tseo, go bo go sa nne le pharologanyo epe mo matshelong a ba ba nnileng le sebaka sa go tsaya karolo mo go tsone. Rre Kopelang o boletse gape gore ka ntlha ya go nyelela ga dingwao tsa merafe ya lefatshe leno, puso e bone dikgaisano tsa mothale o di ka nna le seabe se segolo mo go fetoleng seemo seo. 

O tlhalositse fa dikgaisano tse di ruta ka dingwao tsa merafe e e farologaneng di bo di thusa gape le go tsosolosa dikarolwana dingwe tsa dingwao tsa merafe ya mono tse di neng di setse di nyelela. 

Rre Kopelang  o  tsweletse a re dikgaisano tseo di  botlhokwa  gape mo go anamiseng melaetsa e e botlhokwa e e ka sologelang setshaba molemo ke ka moo nako tsotlhe fa di tshwarwa go ntshiwang setlhogo se badiragatsi ba tshwanelwang ke go itebaganya le sone. 

Ka jalo a re badiragatsi ga ba a tshwanela go inyatsa ka jaana ba nale seabe se se tona mo go gaseng melaetsa le go ruta setshaba.

Fa a simolodisa ditiragalo tsa letsatsi semmuso, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mowana, Rre Richard Monthe o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bafenyi ba dirise madi a bone ka botlhale, e le tsela ya go supa fa ba itumelela ka fa puso e ba emeng nokeng ka teng. 

Le fa go ntse jalo, Rre Monthe o supile fa go fatlha gore batsadi ba motse wa Tshesebe le e e mabapi ba bo ba sa tshologela dikgaisano tseo go tla go bona botswerere jwa ba ba neng ba di tseneletse. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi o gwetlhile badiragatsi go tsaya ka tlhoafalo dikgakololo tsa baatlhodi, a re se se ka ba thusa thata go tokafatsa tiro ya bone. 

O kopile ba ba latlhegetsweng go seke ba phuaganya toro ya bone ya go nna badiragatsi ba motia mme a ba rotloetsa go baakanya diphoso tsa bone gore le bone ba kgone go dira botoka mo isagong. 

Go sale foo, Rre Mathonsi o iteetse legofi bagolo go bo ba tsweletse ka go supa kgatlhego mo dikgaisanong tseo. 

A re go tsenelela dikgaisano ga bone go tla thusa thata go ngoka banana ba ba ntseng ba goga dinao go intsha kwa morago mme se le bone se ba fe sebaka sa go ka akola maduo a mantle a go tsaya karolo mo dikgaisanong tseo.

Rre Mothusi Kwenda ke ene mofenyi wa karolwana ya poko,  Tebogo Oladi ene a gapa ya go letsa segaba. 

Lambani Ntogwa o dule ka tse di tsididi mo go ya go letsa moropa, fa Babaki Matilamba a bontshitse bangwe-ka-ene go se go ntle mo go kgadiepetseng lethale la katara. 

Khwaere ya Naledi e ne ya itlhoma kwa pele mo karolwaneng ya moopelo le mmino wa dikhwaere mme  setlhopha sa mmino wa setso sa Mowana ya nna bommampodi ba mmino wa setapa fa setlhopha sa motshameko wa serala sa Ditiragalo ele sone  se fentseng mo karolwaneng ya metshameko.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Dikgaisano tsa bodiragatsi

Date : 17 Nov 2014