Breaking News

Lephata la temo-thuo le thusa moithuti

16 Nov 2014

E rile bosheng badiri ba lephata la temo-thuo la kgaolo ya  Kgalagadi Borwa ba itlama go tlhokomela moithuti mongwe wa lekwalo la boraro wa sekolo se se botlana sa Tsabong ka tsotlhe tse a tlaa di tlhokang go fitlhelela a fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa botlhano.

Fa a abela ngwana yoo diaparo, molomaganya ditiro tsa temo-thuo mo kgaolong eo, Rre  Nkaigwa Joel o tlhalositse fa ba thulantse ditlhogo e le badiri ba lephata leo mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go thusa ngwana yoo ka motsadi wa gagwe e le motlhoki.

O kaile fa ba kgonne go kokoanya P500 go tswa mo dipateng tsa bone mme ba rekela ngwana yoo paka ya sekole le diaparo tse dingwe Rre Joel o supile fa ba ne ba itshwaraganya le mogokgo gammogo le barutabana ba bangwe le ba boipelego go ba thusa mo go tlhopheng moithuti yoo wa mosimanyana wa dingwaga tse di lesome. 

O tsweletse ka go tlhalosa gore fela jaaka maphata a mangwe le bone ba bone go tshwanela go otlolola letsogo ka go thusa ngwana a sale mmotlana e le tsela nngwe gape ya go mo rotloetsa go tlhoafalela dithuto tsa gagwe le go dira ka natla ka seo se ka thusa thata mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang.

E rile a amogela dimpho tseo,  motsadi wa moithuti yoo Mme Noma Cooper a leboga lephata la temo-thuo fela thata a supa fa thuso eo e tlaa tlisa  pharologanyo mo botshelong jwa gagwe ka a sa kgone go tlhokomela bana ba gagwe ba bararo. 

Mme Cooper o kaile fa a itshetsa fela ka go bereka Ipelegeng mme lemme le a le bonang le sa lekane go tlhokomela bana ka a sa nyalwa.

Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Mme Motshidiemang Moepi o akgotse ba lephata la temo-thuo fela thata a kaya fa ba supile mowa wa setho le bopelotlhomogi go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.   BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo dimpho

Date : 16 Nov 2014