Breaking News

Banana ba tsosolosa mowa wa boithaopo

16 Nov 2014

Mowa wa boithaopo le bopelotlhomogi fa o ka tsholediwa wa bo wa tseelwa kwa godimo o ka thusa lefatshe leno go gatela pele le go thusa katlego ya nngwe ya dipilara tsa 2016 e e leng tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala.

E rile a bua kwa tshimolodisong ya ntlo ya moithuti mongwe wa mo-na-le-bogole wa sekole se se botlana sa Mokgenene, modula setilo wa mokgatlho wa Heart To Give, Rre Tsholofelo Keebone a re e rile ngogola mokgatlho wa tshwara thuto puisano go abelana maele a botshelo le baithuti ba Mokgenene mme ba lemoga botlhoki jwa moithuti yoo, yo  o nang le bogole mo leotong, mme mo  nakong eo a ne a tsamaya ka go soba ka marago ka a ne a sena dithobane.

O boletse gore e rile mo ditlhotlhomisong tsa bone ba fitlhela e le gore ngwana yo, o nna le nkokoagwe kwa merakeng ya motsana wa Mokgenene kwa ba fitlhetseng seemo sa botshelo e le se se ngomolang pelo fela thata ka jalo ba itlama go ba batlela setsha le go ba agela kwa Mokgenene. 

A re ba ne ba dira jalo ka tshwaragano le ba boipelego gammogo le ba sepatela sa Mahalapye mme ba itela mo dikomponeng go ba tswa thuso ka jalo kompone ya Sunezmulti-purpose Co-operative Society ba ithaopa gore ba tlaa ba agela ntlo eo. 

A re e ne ya re go le pele ba tshegetsa ditiro tsa go kokoanya madi di akaretsa mogwanto, mmabontle le go tlhatswa dikoloi le ntswa di sa atlega jaaka ba ne ba solofetse. 

Rre Keebone a re le ntswa ba ne ba solofetse gore ba tlaa bo ba setse ba tshetse  motheo wa ntlo, ka ntlha ya go bo lefatshe le le makgarapana go ne ga nna bokete go ka kgona mme ba felela ba kgonne go epa motheo wa ntlo jalo ba solofela gore mo bogautshwaneng ba bo ba boela kwa Mokgenene go ya go tsweledisa letsema.

Fa a tswa la gagwe, moanamisa mafoko wa mokgatlho wa Heart To Give, Mme Shatani Nyatanga o ikuetse mo go boradikompone le Batswana ka kakaretso go thusa ka tsotlhe tse ba nang le tsone gore ba kgone go wetsa kago e ka nako e e beilweng . 

A re kwa ntle ga dithuso tsa madi, ba amogela gape dithuso tse di tshwanang samente, ditena le didirisiwa tsa kago.

Mme Nyatanga a re le go ntse jalo go na le dikgwetlho tse di ba lebaneng e le mokgatlho jaaka tlhaelo ya madi ka ba ikaegile thata mo dithusong tse ba di amogelang mo setshabeng.  Bothata jo bongwe jo ba rakanang le jone ke jwa batho ba ba dirang maitlamo a go ntsha dithuso e re morago ba bo ba sa diragatse maitlamo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Tshimolodiso semmuso ya ntlo ya moithuti

Date : 16 Nov 2014