Moruti o kgothatsa maloko
16 Nov 2014
Moruti Moutlwatsi Kokoro wa kereke ya Spiritual Healing a re tsamaiso nngwe le nngwe e e dirwang mo kerekeng e tshwanetse gore e bo e le e e nang le motlhala le bokao mo go ba ba ba setseng morago le banana tota gore ba kgone go ba tshepha.
Mo pulong ya kereke eo kwa Nshakazhogwe bosheng, Moruti Kokoro a re baeteledipele ba tshwanetse go nna sekao mo bananeng le maloko mo godimo ga moo ba tlhaloganya tsamaiso ya kereke le tiriso ya di tsa bone.
O tsweletse a bolela fa tiriso ya madi e tshwanetse ya nna le motlhala gore maloko ba nne le kitso ka ke sone se molao motheo wa kereke o se batlang.
A re seo se tlaa tiisa maloko moko mme ba nne le seabe se setona mo go tsenyeng letsogo mo ditlhabololong tsa kereke.
O kgothaditse maloko a kereke eo go gola e seng ka dipalo fela le ka ditiro le go tshwaragana le dikereke tse dingwe tse di mo motseng fa ba na le mediro, a gatelela ka gore setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.
O ba kopile go tswelela ba bopagane mme a ba rotloetsa gore dikgwetlho tsa botshelo tse ba kopanang le tsone di seka tsa ba kgoreletsa go obamela Modimo.
Fa a tswa la gagwe, moefangele Alison Ngwigwa yo o okametseng kereke eo, o tlhalositse fa a ntsha P5 000 go simolola kago ya kereke eo.
A re ka tshwaragano le tirisano mmogo le maloko ba kgonne go aga ntlo eo gammogo le kemonokeng ya komiti kgolo ya kereke.
O boletse fa a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya lefelo leo fela thata.
E ne e rile pele ga a amogela baeng, Kgosi Fulukani Kealotswe wa Nshakazhogwe a leboga kereke eo go bo e bone go tshwanela go nna le fa ba obamelang teng.
Kgosi Kealotswe o supile fa kereke eo e tlaa tlisa le go rotloetsa kagiso mo motseng ka jalo a e akgola. A re kereke eo e kwadisitswe ka fa molaong ke sone se e nang le setsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : MASUNGA
Event : Pulo semmuso ya kereke
Date : 16 Nov 2014