Banni ba shakgaletse thekiso ya metsi
16 Nov 2014
Banni ba Xakao ga ba a itumelela lenaneo la thekiso ya metsi mo dipompong tsa setshaba.
Fa ba akgela mo phuthegong ya kgotla bosheng, ba boletse gore ga ba amogele tsamaiso eo ka ebile ba tshela ka go bolawa ke lenyora mo motseng wa bone mo ba kgonang go nna dibeke tse pedi ba a nwa metsi a noka ya Okavango.
Moemedi wa koporase ya Water Utilities, Mme Gracious Motsumi o tlhalositse gore tsamaiso e e tlaa ama botlhe ba ba ntseng ba dirisa dipompo tsa setshaba mme ebile banni ba motse oo ba ba nnang kgakalanyana le one ba ya go patelesega go reka metsi kwa Shakawe mme ba dirisa dipompo tsone tsa setshaba. Mme Motsumi o tsweletse a kopa ba ba bonang dithuso go tswa kwa go ba boipelego go itshwaraganya le ene.
Fa a itebaganya le tlhaelo ya metsi, o boletse fa ditanka tsa bone di phunyegile ka jalo seretse se agile mo go tsone.
O boletse fa ba tlaa thiba ditanka tse di kwa motseng wa Xakao mme a bolela fa a sa ba tshephise gore seemo se tlaa fetoga mo bogautshwaneng ka gore fa ba sena go di thiba ba tlaa bo ba ya go tsaya motlhaba kwa Kajaja mme se ga se tiro e nnye.
Fa ba mo kgwa kgaba, Rre Tiego Kahenudi o ngongoregile ka tiego ya dikitsiso tsa kgaogo ya metsi ka a re ba na le dikgwedi ba sa nwe metsi a a phepa mme go supa fa go sa reye ope sepe fela ka matshelo a bone. A re Water Utilities ga e nke e nna le morero le bone ka jalo ga go na se ba se dirang ka kgang ya thekiso ya metsi. A re ba ntse ba nna ka lenyora kompone e seo ba a nwa metsi a noka jalo a re ba tlaa nna fela ka lenyora ka ga ba kake ba kgona go reka metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Nov 2014