Breaking News

Letsema le tsweletse kwa Palapye

16 Nov 2014

Go bolelwa fa balemi ba kgaolo ya Palapye ba ithotlhoeditse mo go tsa temo ka go tshwara bokgola jwa pele ka bangwe ba setse ba simolotse go lema fa bangwe bone ba pitikolola mmu go ipaakanyetsa temo ya monongwaga.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, motshwarelela rabalemisi wa kgaolo ya Palapye, Rre Dialwa Kenatshele a re monongwaga ba ofisi ya temo mo kgaolong ya Palapye ba dirile thulaganyo le bagwebi ba dipeo gore ba tlhophe mafelo a ba ka atameletsang balemi dipeo mo go one go ba kgaolela mosepele wa go ya go di tsaya kwa diofising tsa Palapye.

A re seo se ya go thusa gore dipeo di goroge ka nako kwa baleming le gone go ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go di latela bokgakaleng. Rre Kenatshele o tsweletse a re ba setse ba amogetse dikgetsi tsa dipeo tsa mmidi, mabele  le tsa menontshane tsa temo ya 2014/15.

O tsweletse a re puso e duelela go lema ka ditselana le go ega P1 160 tema. 

O gakolotse balemi segolo jang beng ba ditereke go inaakanya le lenaneo la go adima madi a didirisiwa tsa temo kwa bankeng ya National Development Bank le ba lekalana la CEDA.

O akgotse beng ba diterekere ba kgaolo ya Radisele ka ba supa fa ba ya go amogela madi a puso ba sa lope ape a mooketsa mo baleming. Rre Kenatshele o kgothaditse  beng ba diterekere go lema mo leotleng le le lengwe pele ba ka fetela kwa go le lengwe go na le go ya kwa le kwa gonne seo se ka ba fokoletsa ditshenyegelo. 

O supile fa mono ngwaga ba kgonne go rutuntsha balemi le beng ba diterekere ba le 225 mo go tsa go tlhabolola mmu le tiriso ya menontshane mo temong ba bo ba ba rutuntsha gape ka tiriso ya didirisiwa tsa temo gammogo le dichefi.

 A re monongwaga balemi ba ya go duelwa ka bonako ka gore ba setse ba simolotse go tsenya maina a bone mo dikhompiutareng gore a rurifadiwe go fefosa dituelo. 

Fa a itebaganya le temo e e fetileng, Rre Kenatshele a re go ne go lemilwe diekere di le 27 653.31 ke balemi ba le 9 956 mme mo diekereng tseo di le 4 579.37 di ne di lemilwe ka ditselana fa 23 073.94 go ne go gasitswe.

O tsweletse a supa fa kgaolo ya Palapye e kgonne go duela ditema di le 27 008.19  ka madi a a  fetang P14 million mme go setse batho ba le  masome mabedi ba ba sa tlang go tsaya dituelo tsa bone le ntswa maiteko a go ba itsise ka dituelo  a dirilwe ka ditsela tsotlhe. 

A re mo bathong bao ba le masome mabedi  ga ba ise ba  itshwenye le gone go tla go saenela setlankana sa dituelo tsa lenaneo la ISPAAD,  a re ba belaela fa bontsi ja bone e le ba baneng ba itemela ka ditonki.

Rre Kenatshele a re mo temong ya ngogola ba kgonne go lema ditema tsa mmidi di le 3 741.9, tsa mabele di le 6052.05, tsa lebelebele di le 328.79 mme tsa dinawa tsone di le 1321.43. 

A re mo ditemeng tseo ba kgonne go bona ditone di le 538.58 tsa mmidi,1173.6 tsa mabele,198.06 fa tsa dinawa ba bone 152.89.

O supile fa dipula di kgoreleditse thobo fela thata ka di ne di netse ruri  ka jalo di sa fe balemi sebaka sa go ya masimo. 

A re dijalo dingwe di ne tsa gogolwa ke merwalela fa mabele le lebelebele tsone di ne tsa jewa ke dinonyane. 

Rre Kenatshele o supile fa go le gantsi ba ikaegile thata ka temo e e tswang mo dikgaolong tsa Tswapong jaaka kwa Maunatlala, Kgagodi, Matolwane le Topise ka e le tsone boremelelo ja temo ya kgaolo ya Palapye.

A re dituelo tsa temo e e fetileng di ne tsa diega ka mathata a a neng a bakilwe ke legadima le le neng le sentse dikhompiutara kwa ofising ya bone fela thata mme seo sa ba berekisetsa ka fa tlase ga kgatelelo gore ba emisetse nako eo. 

A re ke gone fela ba ntseng ba fetsa go duela batho mafelo a Phukwi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 16 Nov 2014