Phetogo ya loapi e borai
13 Nov 2014
Lephata la tikologo, diphologolo le bojanala le ikaelela go dira molao kakanyetso o o ka itebaganyang le seemo sa phetogo ya loapi.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Bobonong bosheng, mogolwane mo lephateng la tikologo, diphologolo le bojanala, Dr Oldman Koboto o supile fa go fetoga ga loapi go ama mohama wa itsholelo mo Botswana go akaretsa temo le bojanala.
Dr Koboto o supile fa go fetoga ga loapi go baya balemi ka fa mosing ka gore bontsi jwa nako dipula di a tlhokega mme letsatsi le tloge le babalele dijwalo kwa masimong fa gongwe dipula di tshologa ka mashetla mme dijwalo di betwe ke metsi, se se dire gore letlhoko la dijo mo lefatsheng le gole.
Dr Koboto o tsweletse a tlhalosa fa go fetoga ga loapi go fokotsa pula ka jalo lefatshe le tlhaselwa ke leuba mme motsamao wa diphologolo o seke o laolesege.
O tlhalositse fa go fetoga ga loapi go dirile gore mafelo a a sa tlwaelesegang go angwa ke bolwetse jwa malaria jaaka kgaolo ya Bobirwa a simolole go nna boremelelo jwa bolwetse joo.
A re go fetoga ga loapi go kokonela itsholelo ya mafatshe ka gore fa go nna le merwalela maphata a a lebaganeng le dibetso tsa tlholego a patelesega go isa ditlamelo tse dintsi kwa bathong go feta jaaka pele. O supile fa go fetoga ga loapi go ama ditlhabololo fela thata.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo ofising ya tepo loapi, Rre Balisi Gopolang a re selekanyo sa mogote mo lefatsheng se oketsegile mme se se dirwa ke mesi e e tswang mo dikoloing, go tshubiwa ga matlakala gammogo le meepo.
Rre Gopolang a re mesi e e dira gore marang a letsatsi a a tswang kwa legodimong a tle a le bogale mo lefatsheng mme a tloge a babalele ditshidi ka bontsi.
A re go fetoga ga loapi go dira gore temo e simolole morago ga nako kana pele ga nako mme se se tloge se beye balemi ka fa mosing. O rotloeditse batho go lema ditlhare morago ga go di kgaola ka gore ditlhare di na le seabe mo phefong e e tsenang le e e tswang mo ditshiding ka bontsi.
Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Mmirwa Malema o tlhalositse fa go fetoga ga loapi go dirwa ke go latlha ngwao mme a supa fa bogologolo go ne go sena merwalela mme seo se diragala fela mo nakong eno. Rre Malema o tsweletse ka go kopa morafe go rapelela pula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Nov 2014