Dibala makgolo konokono ya thuto
13 Nov 2014
Thuto ya dibalamakgolo le tiriso ya mafaratlhatlha a inthanete e botlhokwa go itepatepanya le ditlhabololo tsa dikitso tsa nako ya sesha.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela dialogane tsa lenaneo la Sesigo ditlankana bosheng, Rre Botshelo yo gape eleng motlhatlhelela dithuto kwa sekoleng se segolwane sa ithutelo tiro ya diatla sa Mahalapye Brigade o galaleditse ba motlobo wa dibuka ka thulaganyo ya Sesigo , e ba e simolotseng ka 2009 ka moono wa go bona mongwe le mongwe a nna le sebaka sa go nna le kitso ka tsotlhe tse di diragalang mo tikologong le go kgona go amogela kitso ka methale e e farologaneng.
O tlhalositse fa mo malatsing ano sengwe le sengwe se fetogela mo tirisong ya dibalamakgolo mme ka bonya ka bonya pampiri e nyelediwa ke tiriso ya maranyane a. A re mo nakong ya maloba e ne e re fa motho a leba motlobo wa dibuka go bo go itsiwe fa go tla fitlhelwa dibuka ka go farologana mme mo nakong eno go na le dibalamakgolo.
Rre Botshelo a re mo dibalamakgolong go fitlhelwa dibuka ka mefuta yotlhe ya tsone le tse di sa fitlhelweng motlhofo mo metlobong ya dibuka tota, selo se a reng se dira gore tiriso ya dibuka e nne e kare e siilwe ke dinako ka batho ba epa dikitso mo maranyaneng a sesha. A re tiriso ya maranyane a inthanete e tseetswe kwa godimo ka e le bogadi bo gaufi e bile e ntsha thuto e e nang le boleng ka e fetolwa motsotso le motsotso.
O tlhalositse fa botshelo le jone mo malatsing ano bo ikaegile ka maranyane ka jalo go le maleba gore Batswana botlhe ba inaakanye le dikitso tsa mofuta o, a tlhalosa fa go batla ditiro le gone go fitlhelwa mo maranyaneng a inthanete ka e le gone kwa di anamisiwang teng.
Fa a itebaganya le dialogane, Rre Botshelo o ba galaleditse go bo ba na le boineelo mo tirong ya bone, a tlhalosa fa a amogetse pego ya gore ba simolotse ba le masome a matlhano, mme ba le masome a mabedi le boferabongwe ba kgonneng go fetsa dithuto tsa bone.
A re go a itumedisa go lemoga gore go nnile le dikgwetlho mme bone ba di fentse, ka jalo a ba gwetlha go ya go dirisa dithuto tse ba di amuleng mo lenaneong la Sesigo gore ba itshidise gammogo le go tiisa ba metlobo ya dibuka moko. O tsweletse ka go galaletsa badiri ba metlobo ya dibuka ka tiro e ntle e ba e dirang gore ba bo ba setse ba rutuntshitse Batswana ba feta 60 000.
Kgosi ya kgotla ya Dilaene, Rre Albert Moseki, o gwetlhile dialogane go ya go tsweledisa maikaelelo a bone a go isa lefatshe leno pele ka thuto le kitso e ba e amogetseng.
Mongwe wa dialogane, Mme Kgalalelo Letebejane o galaleditse lenaneo la Sesigo ka a bolela fa le ba ntshitse mo botlhoka kitsong gonne ba kgonne go bona thuto ya mahala. A re ba kgonne go anya kitso ya tiriso ya dibalamakgolo e bile le bone ba kgona go emelana le diphetogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Kaloso ya dialogane
Date : 13 Nov 2014