Nnang le metlobo ya dibuka
13 Nov 2014
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Letsholathebe Mme Kemoneilwe Majoko o rotloeditse dikole tse di senang metlobo ya dibuka go itirela lefelonyana le bana ba tlaa kgonang go nna le sebaka sa go ithuta go bala fa go lone.
E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la motlobo wa dibuka bosheng, Mme Majoko a tlhalosa fa ba sena dikago tse di lebaganeng go nna lefelo la motlobo wa dibuka mme seo se sa ba kgoreletsa go ikakanyetsa go dira lefelo leo mo ntlong nngwe ya borutelo. O supile fa motlobo oo o fa bana sebaka sa go ithutuntsha kgotsa go oketsa dithuto tse ba sa di fiweng mo matlwaneng a bone a borutelo.
A re metlobo ya dibuka e fa bana dithuto tse di faphegileng, segolo jang dikgang tse di fetileng tse di supang se se diragetseng mo lefatsheng leno gammogo le lefatshe ka bophara.
Mme Majoko o boletse gore e re ka puso le yone e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi, barutabana gammogo le bagokgo ba tshwanetse go thulanya ditlhogo go bona gore go nna le motlobo wa dibuka mo dikoleng.
O tsweletse a re ba dirise diphatlha tse ba nang le tsone mo matlwaneng a bone a borutelo go dira mafelo a go balelwang mo go one kana go dirisa ofisi e e sa berekeng mo sekoleng go nna yone lefelo la motlobo wa dibuka.
O tsweletse ka gore motlobo wa dibuka o fa bana lesedi la thuto mme a supa fa sekole sa gagwe se le motlotlo go bo Professor Agreement Jotia, yo e bileng e le ngwana wa motse wa Letsholathebe, a abetse sekole sa bone dibuka tse di balwang le tse di rutuntshang bana go taka tse di lopileng P7000.
E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa thuto mo sekoleng seo, Mme Ntlhoki Mokhunthedi o tlhalositse fa letsatsi le tshwana le leo, le thusa go rotloetsa bana ka tiriso le botlhokwa jwa motlobo wa dibuka. A re motlobo wa dibuka o rotloetsa bana go nna le kgatlhego ya go bala ba santse ba le kwa tlase.
Rre Peter Kafuro ene o tlhalositse fa motlobo wa dibuka o tlhofofatsa thuto ya bana, ka ba ikoketsa e bile ba batlisisa ka se ba se rutilweng mo go tseneletseng. A re bangwe ba dirisa metlobo ya dibuka go batlisisa le go ithutuntsha ka dingwao tsa merafe e sele le ka ditso tsa lefatshe leno.
O rotloeditse bana go nna ba dirisa motlobo wa dibuka ka nako tsotlhe e ka tswa e le e e mo mafelong a bone kgotsa mo ditoropong fa ba etile go oketsa dithuto tsa bone.
Batsadi ba ne ba natefisa letsatsi ka go tlhabela bana mainane, dithamalakane le go ba rutuntsha ka direto le meila ya merafe ka go farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MAUN
Event : Moletlo wa letlatsi la metlobo wa dibuka
Date : 13 Nov 2014