Breaking News

Ba gakololwa go ikopela lenaneo

13 Nov 2014

Balemi ba metse ya Takatokwane le Dutlwe kwa  kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go tsibogela go ikopela lenaneo la go teratelela masimo le e leng karolo nngwe ya la temo-thuo la ISPAAD ka go dira jalo go ka fedisa selelo sa malatsi otlhe sa leruo le le senyang kwa masimong.

Fa a bua mo bokopanong le balemi bosheng, molemisi yo o direlang kwa metseng eo, Rre Ditiro Bolepya a re ntswa balemi ba tshwenngwa thata ke go senyediwa ke leruo ka nako ya temo mo ebileng bangwe ba kgona go boa ba iphotlhere kwa masimo, ba santse ba saletse morago thata mo go ikopeleng lenaneo le mme a re ke lone le ka thusang mo go fapheng leruo kwa masimong.

A re go molemo thata go le aramela le sa tlhabile ka go tsibogela go inaakanya le mananeo a puso a a farologaneng ka gongwe e tla mo nakong e e tlang a bo a sa tlhole a bonwa mahala mme ba sale ka go ikotlhaya.

 O tsweletse a re ka temo e le seikokotlelo sa Motswana, puso e tshwere ka natla go tokafatsa mhama o ka go simolodisa mananeo a tshwana le la go thusa balemi ka go teratelela masimo go leka go sireletsa thobo ya bone mme a ba gwetlha go ema ka dinao go ithusa ka mananeo a.

O supile fa balemi ba kgona go thusiwa fa ba ipopile setlhopha kgotsa ka bonosi. 

A re fa molemi a ikopela lenaneo la go teratelela masimo a ikemetse ka bonosi go tlhokana le setlankana sa tshimo mme puso e ka mo thusa ka go mo duelela 50%, molemi le ene a ituelela 50% gore a ithekele didirisiwa. 

A re fa balemi ba ipopile setlhopha go sa kgathalesege gore ba kae ka palo ba thusiwa mahala mme go tlhokana le gore masimo a a teratelelwang a bo a le dieketara tse di 150 le go feta. A re puso e rekela balemi didirisiwa tsotlhe tse di ka tlhokafalang mme go dirisiwe badiri ba Ipelegeng go teratela masimo ao. 

Rre Bolepya o ba boleletse gore go a kgonega gore ba epelwe didiba mme ebile ba ka dirisa balemisi go ba thusa ka tsotlhe tse ba sa di tlhaloganyeng. 

Go ntse go le foo, o akgotse balemi ba kgaolo eo go bo ba gatetse pele ka go dirisa methale e mesha ya go lema e e dirileng gore ba bone thobo e e nametsang ngwaga o o fetileng. A re mo go ba ba setseng ba begile thoto ya bone ba robile mo go itumedisang mme a kaya fa ba ba kgonneng go bona thobo e ntsi e le ba temo ya ditselana ka jalo a rotloetsa balemi go tswelela ba dira jalo ka jaana le bone balemi ba lemogile fa temo e ya sesha e ba tswela mosola.

O ba tlhaloseditse gape fa puso e tlaa tswelela e lemela balemi le monongwaga mme botlhe ba tshwanetse go lema ka ditselana ka jaana ba ba tla itlhophelang go lema ka go gasa ba tsile go  seka ba thusiwa ka lenaneo la ISPAAD gotlhelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Bokopano jwa balemi

Date : 13 Nov 2014