Breaking News

Sekole sa Tshikhinyega se dira ka natla

13 Nov 2014

Baithuti le barutabana ba sekole se sebotlana sa Tshikhinyega kwa Mahalapye, ba akgoletswe go dira ka botswerere mo tirong ya bone ya tsatsi le letsatsi ya go tokafatsa seemo sa thuto mo kgaolong potlana ya Mahalapye.

Mogolwane wa khamphani ya megala ya Mascom, Rre Tefo Magocha o boletse mo moletlong wa kabo dimpho ya sekole seo bosheng gore  ere ntswa sekole se lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa, o itumedisiwa ke ka fa baithuti le barutabana ba dirang sentle ka teng mo dithutong ka jaana ngwaga le ngwaga  se ntsha maduo a a itumedisang mo ditlhatlhobong  tsa lekwalo la bosupa.

A re sekole se ka tswelela ka go dira sentle mo dithutong fa batsadi ba ka tshwaraganela thuto ya bana le barutabana gammogo le go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana go abelana megopolo ka tse di amanang le thuto ya bana.

Rre Magocha yo a neng a abela sekole seo khomputara, o boletse fa ele boikarabelo jwa batsadi go ema barutabana nokeng ka go thusa ka dikgakololo le go etela sekole gangwe le gape go bona ka fa bana ba tsweletseng ka teng mo dithutong tsa bone.  

O kgothaditse baithuti go ikgapha mo ditirong tse di ka ba gogelang mo thaelong di akaretsa borukutlhi le go nwa majalwa.

Mogokgo wa sekole seo, Mme Grace Radipotsane o tlhalositse fa sekole sa gagwe se lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la ntlwana ya metlobo ya dibuka,  ntlwana e e tshwarelang diphuthego, tlhaelo ya dikhomputara, tlhaelo ya boroko jwa barutabana gammogo le ya matlwana a borutelo.

A re letlhoko la boroko jwa barutabana le pateleditse barutabana bangwe go hirisa boroko kgakala le fa ba direlang teng fa tlhaelo ya matlwana a borutelo yone e ba pateleditse go rutela bana bangwe ka fa tlase ga ditlhare le ntswa ba tlhaelelwa ke mabolokoboroto.

Mme Radipotsane o rile le fa ba tlhaelelwa ke ditlamelo dile mokawana jaana, o ipelafatsa ka barutabana ba sekole sa gagwe ba a tlhalositseng fa ba ntsha maduo a a itumedisang ngwaga le ngwaga go balelwa le dikgaisano tsa metshameko e tshwana le kgwele ya dinao, mabelo le mmino wa setso. 

O tsweletse ka go rotloetsa batsadi go kopa baemedi ba bone jaaka mopalamente, makhanselara le dikgosi go nna ba etela mo dikoleng go lekola ka fa barutabana ba tshwaraganeng le bothata ka teng ka ele bone ba ka rarabololang mathata ao ka go isa dikgang tsa go nna jalo kwa palamenteng le kwa diphuthegong tsa khansele.

Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Seforwe Kopong ene o ngongoregile ka bana bangwe ba go bolelwang ba ya sekoleng ba le leswe e bile ba sa apara kapari ya sekole ntswa gotwe ba tswa mo malwapeng a batsadi ba ba nang le maikarabelo mo matshelong a bana ba bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 13 Nov 2014