Ba rotloediwa go bereka ka ditlhopha
13 Nov 2014
Batho ba ba ikopetseng go thusiwa ka mananeo a nyeletso lehuma ba rotloeditswe go bereka ka ditlhopha gore ba kgone maikaelelo a bone.
E rile a amogela baeng kwa thuto puisanong ya nyeletso lehuma kwa Otse bosheng, Kgosi Mothusi Tsetse a supa fa go bereka ka ditlhopha go ka ba solegela molemo bogolo thata fa ba utlwana ka megopolo.
O tlhalositse fa ba ka thusana ka megopolo fa ba le setlhopha, gape kgwebo e ka se eme fa yo mongwe a tshwaregile go na le fa motho a bereka a le nosi mo a patelesegang go tswala madirelo fa a tshwaregile.
Kgosi Tsetse o supile fa lenaneo la go rua dipodi le dira sentle mo kgaolong ya gagwe, sebe sa phiri e le bogodu jwa leruo jo bo diragalang kwa masimo. O kopile batsena thuto puisano e, go ithuta thata mo go yone, ka jaana dithuto tse ba di neelwang e le tsone tse ba yang go di dirisa mo isagong.
O supile gape fa go ka nna molemo gore dikgwebo tsa bone di atlege, ka jaana ba tla a bo ba tlotlile moono wa ga tautona wa go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo, gape ele sekao mo go ba ba santseng ba tla a thusiwa ka lone.
Mogolwane wa boipelego go tswa kwa Taung, Mme Masego Kgomotso, o supile fa bogologolo Batswana ba ne ba thusana go leka go nyeletsa lehuma, ka go neela bangwe ka bone mafisa le gone go dira metshelo.
O tlhalositse gore e rile ditlhabololo di goroga, di bo di nyeletsa mokgwa o, ka jalo puso e tsentse letsogo go thusa ba kobo dikhutshwane ka mananeo a a farologaneng.
Mme Kgomotso o tlhalositse fa go le botlhokwa gore motho a tlhophe kgwebo e e gaufi le maikutlo a gagwe ka jaana go ka nna motlhofo go e dira ka a tla a bo a e dira ka lorato. O supile fa gantsi Batswana ba dira selo ka ba bona mongwe a atlega mo go sone mme ese gore motho o nale kitso le lorato la sone.
O tsweletse a re go na le dikgwebo tse ba patelesegang go di pataganela mme a kopa botlhe ba ba atlegileng go emisa go bereka Ipelegeng ba patagantse le kgwebo ka a re seo ga se supa tlhoafalo.
O ba gakolotse gape go gakologelwa gore moono wa go neelwa mananeo a, ke go ntsha batho mo lehumeng le gore ba thape ba bangwe go tokafatsa matshelo a bone.
A re go botlhokwa gore ba itse gore go tlhokega eng mo dikgwebong tsa bone le gone gore ba ka dira jang madi jang gammogo le go tlogela go bitsa dikgwebo tsa bone tsa bommaboipelego mme segolo bogolo ba kgothaditswe go kopa thuso fa tsela e tsena ka sekgwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Thuto-puisano
Date : 13 Nov 2014