Ba Kgalagadi ba rotloediwa go ipaakanyetsa letsema
13 Nov 2014
E re jaaka dipula di simolotse go na mo mafelong ka bontsi, balemi ba setse ba simolotse go ikgolaganya le ba lephata la temo go netefatsa gore ba tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo kwa Kgalagadi, Rre Peter Manguba o tlhalositse fa lephata le setse le simolotse go abela balemi dipeo le menontshane gammogo le go di isa kwa dikgaolong ka go farologana ka jalo a re balemi ba ka ikgolaganya le balemisi ba bone gore ba kgone go bona dithuso.
Rre Manguba a re ka kgaolo ya Kgalagadi e tshabelelwa ke letsatsi, o rotloetsa balemi go lema dijwalo di akaretsa ‘sika la dinawa, mabele le magapu ka di sa tlhoke metsi a mantsi mme a tlhalosa fa ba sa tle go aba peo ya mmidi ka one go lemogilwe fa o tshaba letsatsi le le ntsi.
A re e re ka diterekere di le boutsana mo kgaolong eo, balemi ba ka dirisa digogi tse dingwe di tshwana le ditonki le dikgomo mme ba netefatse gore ba jwala ka ditselana eseng jalo ga ba na go duelwa.
Moanamisa mafoko o tsweletse ka go tlhalosa gore ngogola ba kwadisitse balemi ba feta makgolo a mabedi mme ngwaga ono ba solofela gore palo eo e oketsege ka gore dipula di simolotse go na go santse go na le nako.
A re gole gantsi ba rotloetsa balemi go nna ditlhopha ka gore go dira jalo ba ka kgona go reka didirisiwa tsa temo di tshwana le diterekere le dipolantere motlhofo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 13 Nov 2014