Ba ba tlolang molao wa tsela ba a tshwenya
12 Nov 2014
Batho ba ba kgweetsang dikoloi ba sena ditlankana tsa go kgweetsa ba gakolotswe ba bo ba kopiwa go emisa go dira jalo ka e le molato e bile go ka ba tsenya mo diphatseng tsa go amega mo dikotsing tsa tsela.
Mo puisanong bosheng, mookamela mapodise a Middlepits Superintendent Moses Chibamo o boletse fa go kgweetsa motho a sena setlankana go le borai ka motho oa bo a sa tsenelela dithuto dipe le gone go rutuntshiwa ka go kgweetsa gotlhelele.
Superintendent Chibamo o tsweletse ka go tlhalosa fa ba setse ba ipaakanyeditse malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ka go dira dikganedi tsa tsela mo kgaolong eo go simolola kgwedi eno e rogwa go fitlha kgwedi e e tlang ya Sedimonthole e ya fifing.
Mookamela mapodise o kaile fa batho ba le bantsi mo kgaolong eo ba tlwaetse go kgweetsa ba sena ditlankana. O gakolotse ba ba dirang jalo gore go botlhokwa gore ba tseye ditlankana tsa go kgweetsa pele ga ba ka kgweetsa.
O kaile gore mo nakong eno ba setse ba tshwere batho ba le lesome go akaretsa go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ba nole bojalwa gammogo le go tlhoka go dirisa mabante a itshireletso.
O gakolotse bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikgapha mo go amegeng mo dikotsing tsa tsela mo malatsing a a tlang a boitapoloso ka go tlhomamisa gore ba obamela molao wa tsela ka dinako tsotlhe.
Mo go tse dingwe, o kaile fa ba dirisana sentle le ba bogosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse oo le ba cluster ka ba tshwaragane le bone mo go tlhomamiseng gore ga go nne le borukutlhi bope mo motseng oo le e e mabapi.
E re ka jaana metse eo e le gaufi le terata ya molelwane wa Aferika Borwa, Superintendent Chibamo o kaile fa ba dikologa molelwane oo kgapetsa kgapetsa ba tshwaragane le ba sesole, ba lephata la mesepele le pereko la ba sepodise sa Aferika Borwa go tlhomamisa gore leruo ga le tlodisiwe ebile batho ga ba tlole ba sena diteseletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 12 Nov 2014