Breaking News

Nnotagi e tlhotlheletsa boganana kwa Malwelwe

12 Nov 2014

Motse wa Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o lebanwe ke kgwetlho ya dikgang tse di yang magoletsa tsa boganana le go itontela bojalwa ga banana.

Mo puisanong bosheng, kgosi Bokau Tobe wa motse oo, o boletse fa bontsi jwa banni ba sa tsibogele mananeo a puso mme ba ineetse mo nnotaging. 

O supile batsadi bangwe ka monwana a tlhalosa fa ba rotloetsa boganana le go nwa bojalwa phetelela ga banana ka le bone ba a nwa bojalwa phetelela ka jalo banana ba tsaya malebela mo go bone.  O tlhalositse gore ka ngwao ya Setswana, ngwana o godisiwa ka tsela e e kgethegileng a kaelwa gore o tshwanetse go itshwara jang. 

A re seabe sa batsadi mo baneng se segolo ka ba ba godisa go tswa kwa moding ka jalo go ngomola pelo go bona batsadi ba letlelela bana go dira dilo tse di sa siamang mo matlhong a bone. 

O tsweletse a re ke matlhabisa ditlhong ka gore le bana ba sekole ga ba tseye thuto ka tlhoafalo ka jaana ka nako ya malatsi a boitapoloso a sekole ba nna fela mo bojalweng.

Kgosi Tobe o kaile fa bogosi bo tshwere phage ka mangana go laola boganana le go tsibosa banana ka bodiphatsa jwa bojalwa mme sebe sa phiri ke go gama ba ikotelela ka batsadi ba sa bue le bana ka dikgang tse. Kgosi o kgadile fela thata batsadi bangwe ba motse oo ba e reng fa bogosi bo kgalemela bana ba bo ba sa dumelane le jone.

O supile fa go le botlhokwa gore batsadi ba pataganele kago le kgodiso ya bana le bogosi gonne fa tshwaragano e le teng seemo sa boganana le go itontela nnotagi se ka fetoga mo motseng.

E rile a tlhalosa ka seabe sa banana ba Malwelwe mo mananeong a banana a a ntshitsweng ke puso, Kgosi Tobe a tlhalosa fa banana ba sa dire sentle mo go one ka bontsi ba sa a kgatlhegele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 12 Nov 2014