Breaking News

Lenaneo la Sesigo le alosa baithuti

12 Nov 2014

Dialogane tsa boranyane jwa lenaneo la sesigo di kopilwe go kgaogana le morafe maitemogelo le mosola wa go inaakanya le ba metlobo ya dibuka. 

E rile a abela ba ba neng ba fetsa dithuto tsa bone ditlankana bosheng, mogolwane mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Dominic Botshelo a tlhalosa fa lephata la gagwe le tshwaragane  le ba metlobo ya dibuka go netefatsa gore setshaba se itse ka mosola wa metlobo ya dibuka.

E rile  a ema batsena moletlo ka lefoko mogolwane wa metlobo ya dibuka kwa Selebi Phikwe, Rre Boikago Medupe a tlhalosa gore maikaelelo le maitlamo a bone  ke go ruta setshaba ka dikitso tsa maranyane, go ithuta le go fetisa melaetsa ka inthanete.

 O tlhalositse gore fa dithuto tse di fiwang baithuti di ka tsewa ka tlhwaafalo di ka tlhabolola matshelo a batho jaaka go tsena mo go tsa kgwebo.

O tsweletse a tlhalosa fa e se botlhe ba ba kgonang go tsena ka kgoro ya metlobo ya dibuka ka mabaka a a farologaneng a tshwana le go tlhoka nako mme a tlhalosa gore go na le thulaganyo e e dirwang ka go ikopanya le bone gore motho a kgone go ithuta a le kwa lwapeng.

 O tlhalositse gore dithuto tsa go nna jalo di ka akolwa ke mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore motho o nale dingwaga di le kae. Rre Medupe a re lenaneo la Sesigo le ntse le tsaya dikgwedi tse tharo mme mo nakong eno le tsaya dikgwedi di le tlhano gore baithuti ba aloge. A re go simolola ka Tlhakole ngwaga o o fetileng le mono ngwaga go ema ka kgwedi ya Hirikgong ba kwadisitse baikopedi ba lenaneo la Sesigo ba le 200.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo ya ditlankana

Date : 12 Nov 2014