Lore lo ojwa le sa le metsi
12 Nov 2014
Molemisi mo kgaolong ya Kweneng borwa, Mme Reginah Maseko a re go ruta ngwana ka tsa temo thuo a sale mmotlana ke go ikimolola morwalo.
Mo moletlong wa go ipelela tiro ya temo thuo e e neng e dirilwe ke bana ba sekole se se botlana sa Rungwana kwa Thamaga bosheng, Mme Maseko a re ga se bana botlhe ba ba nang le bokgoni mo dithutong di tshwana le dipalo le tsa boranyane mme bana bangwe ba tlhalefela tiro ya diatla e tshwana le ya temo thuo.
O boletse gore mo boemong jwa gore bana ba itseye ka botho jo eseng jone morago ga go tlhoka go dira sentle ba ka inaakanya le tsa temo thuo tse ba nang le bokgoni mo go tsone mme se se ba tlhabolole.
Mme Maseko o tsweletse ka gore temo thuo ke tsela nngwe e motho a ka ithapang a bo a tlhamela ba bangwe mebereko ka yone jalo go botlhokwa go e ruta bana ba sale ba botlana.
O akgotse ba tsaya karolo mo go tsa temo thuo mo sekoleng seo, a supa fa bana ba dira sentle thata mo temong ya merogo, ya ditlhare tsa maungo le thuo ya dinotshe.
A re go ruta ngwana go itirela, ke sesupo sa gore sekole seo se tshwere moono wa tsetlana nngwe ya tebelopele ya lefatshe la Botswana ya ‘setshaba se se tswelelang, se se itirelang, se se fetolang dilo’.
O kopile batsadi, barutabana le balemisi go tshwaraganela go ruta bana tsa temo thuo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Moletlo wa go ipelela temo
Date : 12 Nov 2014