Breaking News

Lenaneo le tsweletse sentle kwa Ghanzi

12 Nov 2014

Go bolelwa fa lenaneo le le thibelang mogare wa HIV go tswa kwa go mmangwana go ya leseeng le tsweletse sentle kwa kgaolong ya Ghanzi. 

Mo potsolotsong bosheng, mooki yo mogolwane wa kokelo ya Morama kwa Ghanzi, Mme Godiraone Ramaphoi o tlhalositse fa bomme ba ba itsholofetseng kwa kgaolong ya Ghanzi ba tlhaloganya botlhokwa jwa go ikwadisetsa boimana ka nako gore ba kgone go dirwa ditlhatlhobo tsotlhe tse di maleba ba bo ba thusiwe fa ba ka fitlhelwa ba na le malwetse a tlhakanelo dikobo gammogo le one mogare wa HIV.

Mme Ramaphoi o tsweletse a supa fa ba netefatsa gore ba latela bomme ba bangwe ba ba itsholofetseng kwa dipolaseng ba eleng gore ba palelwa ke go ya sepateleng ka mabaka a a farologaneng. 

A re kgwedi le kgwedi ba latela balwetse gore ba kgone go bona kalafi e e tshwanetseng go netefatsa gore botsogo jwa bone bo babalesegile. 

A re e re le ntswa nako tse dingwe ba palelwa ke go ya dipolaseng ka mabaka a letlhoko la dipalamo ga ba ise ba nne le dikgang tse mo go tsone bomme ba ba fitlhelwang ka HIV/ AIDS ba belegang bana ba ba nang le mogare ka jaana bone ele ba botsogo ba netefatsa gore ba ba tsenya mo kalafing e e dirang gore bana ba tsholwe ba sena mogare

Fa a tswa la gagwe, Rre David Mmolotsi, yo o itebagantseng le go tlhatlhobela bolwetse jwa HIV/ AIDS o tlhalositse fa a itumedisiwa ke go bona bomme ba ba itsholofetseng ba itlhatlhobela bolwetse joo ka dipalo tse di kwa godimo. 

Le fa gontse jalo, o tlhalositse fa a tshwenngwa ke bangwe ba ba yang thari  kwa bongakeng dikgwedi tsa bone di setse di le tlhano. 

Rre Mmolotsi a re nako tse dingwe ba ba tlang thari ba fitlhela ba na le mathata a gore ngwana ga a nna sentle kgotsa ga a mo seemong se se siameng jalo a tlhoka go thusiwa ke ba bongaka. 

O boletse gore go le gantsi bomme ba ba berekang kwa dipolaseng ke bone ba ba tshabelelwang ke go ya thari kwa kokelong go itlhatlhoba le gone go ikwadisetsa boimana ka jaana ba ntsha mabaka a gore bahiri ba bone ba palelwa ke go ba golola nakwana gore ba ye kokelong.

A re mokgwa wa go ya go itlhatlhobela mogare thari go baya matshelo a bone gammogo le a masea mo diphatseng jalo o rotloetsa gore ba ikwadise fela fa boimana bo simolola gore ba dirwe ditlhatlhobo tsotlhe tse di tlhokegang ka nako. 

O tsweletse a rotloetsa bahiri go netefatsa gore ba tsaya botsogo jwa bahiriwa ba bone ka tlhoafalo ka jaana botshelo bo le botlhokwa fela thata e bile motho a tshwanetse go netefatsa gore botsogo jwa gagwe bo mo seemong se se siameng. Rre Mmolotsi o tlhalositse fa ba netefatsa gore ba thusa bomme ba ba yang thari kwa kokelong gore sengwe le sengwe se tsamaye ka thelelo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Johane

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 12 Nov 2014