Breaking News

Tsela ya go aba ditsha e fetogile kwa Tonota

12 Nov 2014

Lekgotlana la kabo ditsha la kgaolo potlana ya Tonota la re tsela ya go aba ditsha ga e sa tlhole e tla a nna ya bogologolo e motho a neng a begela ba lephata leo fa a bone setsha golo gongwe a bo a se fiwa. 

Mo phuthegong ya kgotla kwa Maaloso bosheng, lekgotla leo la re jaanong ditsha di tla a abiwa go ya ka tatelano ya batho ba ba ikwadisitseng.

Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Changu Gulubane a re ba lemogile gore tsamaiso ya gore batho ba ipatlele ditsha e feletsa e baya ba ba ikwadisitseng ka fa mosing ka ba felela ba sa bewe go ya ka go tlhomagana ga bone. 

A re ditsha jaanong di tla a simololwa go segwa mme ba tla a bo ba itshwaragantse le ba khansele, a tlhalosa fa lefatshe le le teng mo Tonota mme go tshwanetse go salwa tsamaiso e e lolameng ya go aba ditsha

Modulasetilo a re go na le ditsha dingwe tse di sa kwadisiwang ka jalo beng ba tsone ba tshwanetse go di kwadisa ba bo ba nne le ditlankana tsa tsone gonne  fa ba ise ba dire jalo go raya gore ditsha tseo ga se tsa bone ka fa molaong. 

Rre Gulubane a re ditsha tsa bonno di tshwanetse gore di bo di tlhabolotswe mo dingwageng tse tlhano mme tsa kgwebo tsone di tshwanetse go tlhabololwa mo dingwageng tse pedi.  

A re kgwetlho nngwe e e ba lebaganeng le yone e le lephata ke gore batho bangwe ga ba tlhabolole ditsha mo nakong e e beilweng ka jalo ditsha tseo di tla a gapiwa ka di setse di fetoga matlotla.

Fa a itebaganya le tsa boswa, Rre Gulubane o gakolotse banni ba Tonota gore ba ise dikgang tsa go nna jalo kwa kgosing pele, mme ba ka di isa kwa lephateng la kabo ditsha  morago ka bosupi jwa ga kgosi bole  botlhokwa mo dikgannyeng tsa go nna jalo. 

Rre Gulubane a re ditsha tsa masimo ke tsone tse batho ba ka di ikopelang ka e bile go na le balebeledi ba ba ithaopileng go dira tiro ya go sekaseka fa ditsha tseo di sena beng. 

O boletse fa kgwetlho e nngwe e e ba lebaganeng ele ya madi a ba a kolotiwang ke batho ba ditsha tsa dikgwebo a a fetang didikadike tse tlhano tsa dipula.  

A re ba tsweletse ka go latedisa batho ba ba kolotang madi ao, bogolo jang ba ba mo metseng e e mabapi ka go sena diofisi koo.

Rre Gulubane a re mo nakong e e sa fetseng pelo, go tla a simololwa lenaneo la go direla ditsha tseo dinomore.Lekgotla le tlhalositse fa  motho a kgona go kopa go ikokeletsa setsha fa go nale phatlha fa thoko ga setsha sa gagwe fela fa e le gore setsha sa gagwe sa bonno ga se fete sekete le makgolo a le marataro ka bophara.

Rre Mokeresete Moswela ene a re o tshwenngwa ke gore go tlhopiwa balebeledi ba bannye ka dingwaga ba ba sa itseng lefatshe la Tonota sentle bogolo jang kwa merakeng le masimo. Rre Gulubane o tlhalositse fa ba tla a sekaseka kgang eo mme morago ba itsise morafe ka  tshwetso e ba e tsereng.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Nov 2014