Breaking News

Banni ba Letlhakeng ba batla banka

11 Nov 2014

Banni ba Letlhakeng le metse e e mabapi ba supile fa ba tshwenngwa ke go tlhoka banka mo kgaolong eo.

Mo potsolotsong bosheng, banni ba boletse fa e rile ngogola First National Bank ya ntsha ofisi ya yone e e neng e tlhomilwe kwa Letlhakeng mme seo se ne sa babalela banni ba motse oo gammogo le e e mo tikologong.

Mongwe wa banni ba Takatokwane, Rre Kgakgamatso Setammana o supile fa ba tsamaya sekgala sa dikhilomitara di le masome a mabedi go latela ditirelo tsa banka kwa Molepolole mme seo se ba baya ka fa mosing ka ba tshwanelwa ke go tsaya selekanyo sa madi a ba neng ba sa tshwanela go a tsaya.

Rre Setammana o supile fa go tsaya madi go fetisa selekanyo go dira gore ba felele ba a dirisa botlhwaswa go na le jaaka a kabo a le kwa bankeng.

Mongwe wa balemi ba motse oo, Rre Bafenyi Ogone o supile fa ba tlhokana le banka ka e bile letsema le le gaufi gore ba kgone go tsaya madi go reka mafura a diterekere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 11 Nov 2014