Breaking News

Baithuti ba rotloediwa go ikgapha

11 Nov 2014

Go botlhokwa gore morago ga ditlhatlhobo baithuti  ba ikgaphe mo nnotaging.

Mothusa kgosi kgolo ya Batlokwa, Rre Michael Gaborone o boletse mo potsolotsong bosheng gore go le gantsi baithuti bangwe fa ba sena go fetsa lekwalo la bosupa, la boraro gammogo le la botlhano ba simolola go saila mo mebileng le mabentlele ba tlhoka botho mme seo ese selo se se siameng.

A re go le gantsi baithuti fa ba sena go kwala ditlhatlhobo tseo ba a itebala ba tseela gore ba feditse sekole e bile ba godile ba na le boikarabelo mme ba simolole go itaola ba tlhoka tsebe mo ba tshwarisang batsadi bothata.

O gakolotse baithuti go tswa mo boitaolong jwa go nwa bojalwa ka seo se ka senya isago ya bone go ka tsoga e nna babusi ba kamoso ba ba nang le boikarabelo.

 A re batsadi ba lebaganwe ke kgwetlho e tona go kgalemela bana ba bone ka bangwe ba palela batsadi ba bone. O boletse fa go le botlhokwa gore batsadi ba bue le bana ba bone go thusa go ba kgalemela fa ba tswa mo tseleng ka bogogi bo ka se kgone seo kwa ntle ga batsadi go tsenya letsogo.
 
Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Gaborone o boletse fa ba tshwentswe ke dikgang tsa bogodu a tlhalosa fa batho ba go nna jalo ba tla a tseelwa dikgato.

A re go utswa motshotelo ke molato o motho a ka o atlholelwang ka ke bogodu go ipha selo sa motho yo mongwe go sena tetla.

A re ba itshwaragantse le ba sepodisi go ba thusa go tshwara dirukutlhi tse di utswang  motshotelo, motlhaba, dikgong, mapako le magora kwa masimong.

O boletse fa go le gantsi beng ba dikoloi tseo fa ba lemoga gore ba lemogilwe ba fetola dinomore tsa dikoloi tsa bone  mme a re ba sepodisi ba tla a simolola go dira dikganedi mo motseng le  go tswa kwa masimo go laola seemo seo.

O tlhalositse fa dikgang tsa bogodu jwa leruo tsone di santse di ritibetse mme seo se le molemo ka ga ba ise ba begelwe dikgang dipe mo bogaufing.

Kgosi Gaborone o boletse fa go sa itumedise go bo ba kabo ditsha ba  sa rarabolola kgang ya ditsha tse di neng di tshwanetse go abiwa sentle, a tlhalosa fa katlholo ya go abela batho ba le lesome le bosupa ditsha mo ditsheng tse di 285 mo Tlokweng go utlwisa botlhoko e bile go sa itumedisa morafe gotlhelele.

O tsweletse a bolela fa Batlokwa ba sena lefatshe ka go sena kwa ba nnang teng mme tshwetso e e tserweng ke ba kabo ditsha e sa itumedise e bile e baya morafe wa Batlokwa ka fa mosing ka ba tlhoka ditsha.

A re batho bangwe ba ba fiwang ditsha e se Batlokwa ba a di rekisa le ntswa ba segetswe ditsha tseo mo masimong a Batlokwa. 

O boletse fa ba kabo ditsha ba tshwanetse go aba ditsha ka tsela e e siameng, a supa fa  masimo le masaka a Batlokwa a sa tshwanelwa go tsewa ka go dira gore ba tlhoke kwa ba ruelang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 11 Nov 2014