Breaking News

Shimane o kgothatsa banni go ipelega

11 Nov 2014

Rre Kenosi Shimane wa kgotla ya Sekgophane kwa Themashanga a re ga a kgobiwa marapo ke seemo sa gagwe sa go tshela ka bogole ka gonne le ene fela jaaka Motswana mongwe le mongwe o ikatameditse kwa go ba boipelego go kopa dithuso gore a inamole mo lehumeng le a leng mo go lone.

Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Rre Shimane o tlhalositse fa go tshela le bogole e se phutso ebile go sa mo kgoreletse ka gope go ka itirela go tsenya madi mo lwapeng, segolo jang ka puso le yone e otlolotse letsogo go ba thusa.

Rre yoo wa dingwaga  tse di masome a marataro le bosupa a re o sale a amule botsipa jwa go betla mo go moswi rraagwe a le dingwaga di le lesome le botlhano. 

A re e re ka a ne a sa kgone go bereka tiro epe, o bone se e le tshegofatso e e batlang go somarelwa le go amogelwa ka atla tsoo pedi. 

O tlhalositse fa a simolotse go betla a sale mmotlana a santse a  nna kwa motseng wa Sebina le batsadi ba gagwe pele a fudugela kwa Themashanga. O tsweletse  a re ka 2010, ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ne ba mo tswa thuso ka P2 000 go reka didirisiwa tse  a di dirisang mo tirong ya gagwe ya go betla.

A re e re le ntswa  a ne a sa kgona go reka se a kgaolang ditlhare ka sone, o ikaelela go boela gape kwa go bone go kopa madi a tlaleletso ka a lemogile gore go dirisa selepe go mo koafaletsa kwa pele.

Rre Shimane o betla megopo le dikika ka setlhare sa morula, monato le motswere, metshe ka mokoba le mophane fa meropa a dirisa setlhare sa mophete. 

O tlhalositse fa a dirisa ditlhare tse ka di le thata gape di kgona go itshwarelela ka lobaka di sa thubega mme o tlhalositse gape fa a betla dipora le dithobane.

E re ka motse wa Themashanga o le monnye gape o sena mebereko e e kalo, Rre Shimane o supile fa mmaraka e le kgwetlho e tona fa e se fela fa a ka kgabolela kwa toropong ya Francistown e le yone ba khansele ba mo lopang teseletso ya go rekisetsa teng.

 Rre Shimane o supile fa a kgona go dira madi a a nametsang segolo jang ka dinako tsa ditshupo  kgotsa sepe fela sa ipapatso mo kgaolong. O tlhalositse fa go tshela le bogole e se sekgoreletsi, segolo jang fa motho a kgona go itirela ka diatla tsa gagwe.

A re Batswana ga mmogo le ba-na-le-bogole ba na le mokgwa wa go inyatsa le go itsapa, a tlhalosa fa bontsi bo tshaba go dirisa mananeo ao ka ba re batho ba bangwe ba tlaa ba lemoga fa  ba le kobo dikhutshwane. 

O rotloeditse Batswana botlhe le ba-na-le-bogole go ikgogela kwa diofising tsa ba boipelego, segolo jang ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong mme ba sena madi a go di simolodisa kgotsa go di atolosa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : THEMASHANGA

Event : Potsolotso

Date : 11 Nov 2014