Breaking News

CCFB e tsosolosa manyalo

12 Nov 2014

Bomme le borre ba ba mo lenyalong ba tlhoka go tsosolosa le go shafatsa manyalo a bone gammogo le go itshwarelela ka Modimo dinako tsotlhe go itsa go kgaogana.

E rile a bua mo bokopanong bo rulagantswe ke ba Christian Couples Fellowship of Botswana (CCFB) ka maikaelelo a go busetsa manyalo le banyalani fa pele ga Modimo  go fokotsa ditlhalano tse di golelang pele mo lefatsheng leno,  Moruti Ngwenya wa kereke ya Pentecostal Holiness a bolela fa go le  botlhokwa go tshelela Modimo mo nyalong  ka e tlhodilwe ke Modimo, mme e bile e le ene a ka busetsang lerato le botsalano jo bo senyegileng  fa bobedi jo bo kopanang ka nyalo bo mo ikanya ebile bo ineetse mo go ene.

Moruti Ngwenya  a re malwapa a tlhakatlhakane mme fa gongwe a dirwa ke go sa nneng  mmogo ga banyalani le gone go nna  nako e ntsi ga bana le bomme ba ba  ba tlhokomelang.  A re seo se tsenya kgodiso ya bana mo diphatseng ka batho  ba ba ba godisa ka fa bone ba batlang ka teng.

O tsweletse a re o tlhaloganya sentle gore bobedi le fa bo nyalane bo tshwanetse go tlisa dijo mo lwapeng mme go tlhoka go nna mmogo ga banyalani nako e nngwe go tlisa tlhakatlhakano mo malwapeng go bo go time le yone tlhase ya lerato  ka go le gantsi kgatelelo ya maikutlo e nna kwa godimo fela thata.

 Fa a itebaganya le tsa kgodiso ya bana, moruti a re go botlhokwa go godisetsa bana mo Modimong ka lerato, tlotlo le boitumelo ka fa tlase ga banyalani a re seo se tlisa boitumelo mo baneng fela thata. 

A re nako e nngwe go pateletsa mongwe wa banyalani  go bereka morago ga nako ya tiro,  seo se bo se sa fe banyalani go nna le bana ba bone le go ba fa lorato.

A re malwapa a mangwe a thubiwa ke gore mongwe wa banyalani o dira dikoloto tse di tsisang dintwa mo malwapeng. O  kopile banyalani go tshephana  le go dira dilo mmogo ka dinako tsotlhe go itsa mofofolela o o ka nna teng.

E ne e rile gole pele mookamela lekana  la CCFB,  Mme Gaafele Machabo a  amogela batsena bokopano joo, a bolela  fa maikaelelo a lekgotla e le go batla go thusa puso go aga malwapa a a tiileng le go fokatsa ditlhalano tse dintsi ka go nna ba gakolola banyalani ka maikano a bone mo lenyalong le gone go thusa go ba sidila maikutlo gore ba kgone go itshegetsa le gone go itse le go tlhaloganya dikgwetlho tsa lenyalo le gore ba ka tshela le tsone jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Bokopano

Date : 12 Nov 2014