Go sa dumalaneng go busetsa morago
11 Nov 2014
Go a tshwenya go bona banni ba metse mengwe ba busetsa ditlhabololo tsa metse ya bone kwa morago ka go sa dumalaneng ka gore go dirwe ditlhabololo dife pele.
Fa a bua kwa letsatsing la go simolodisa kago ya leobo la kgotla kwa Ratholo bosheng, modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Koti Molefhi o boletse fa banni ba metse ba romelela khansele ditlhabololo tse ba batlang di dirwa mme e re morago ba bo ba fetoga ka ba sa dumalana ka megopolo gore go tsenngwe ditlhabololo dife pele.
A re seo se tsala ketsaetsego go bo go felela ngwaga o fela go sa dirwa ditlhabololo dipe ka banni ba tsaya nako e ntsi ba nganga. Ka jalo, Rre Molefhi o kopile banni ba metse ka go farologana go buisana ba bo ba dumalana nako e santse e le teng go tila tiego.
Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o akgoletse banni ba motse wa Ratholo go bo ba kgonne go kgobokanya didirisiwa tsa leobo la kgotla go tlatsa tse ba tlaa thusiwang ka tsone ke khansele. Rre Molefhi a re leobo la kgotla le botlhokwa ka e le palamente ya motse jalo le tshwanelwa ke go nna teng.
O boletse fa khansele e tlaa ntsha P75 000 mme a kopa botsadi jwa motse go tsenya diatla. O kopile banni go simolodisa kago eo ka ponyo ya leitlho gore e fele ka nako e e beilweng. Banni ba supile fa ba kgonne go kgobokanya motlhaba o o senang makgabana, motlhaba o o makgabana le ditena di le dikete tse thataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Letsatsi la go simolodisa kago ya leobo la kgotla
Date : 11 Nov 2014