Ba Makuta ba atla kago ya letamo
11 Nov 2014
Banni ba Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume ba galaleditse puso go bo e ba agetse letamo mo motseng.
Mo potsolotsong le modulasetilo wa komiti e e tlhokomelang letamo leo, Rre Pateletso Tale o supile fa ba le lesego ebile ba leboga puso go bo e tsweletse ka go baya dikeletso tsa bone kwa pele.
A re kago ya letamo le e supa kgatelo pele, a tlatsa ka go tlhalosa gore batho ba tshwanetse go lemoga fa ditlhabololo di ka seka tsa goroga fela tsotlhe ka nako e le nngwe mme se se botlhokwa ke go amogela le go leboga tlhabololo nngwe le nngwe e e gorogang.
Rre Tale a re letamo le le sale le agiwa dingwaga tse di masome a mabedi le bone tse di fetileng, mme se se itumedisang ke gore ga go motlhofo le kgalala.
A re le ntswa bontsi jwa tiro go akarediwa ditsompelo tse di neng di epa le tsa kago e ne e le tsa puso, banni le bone ba ne ba tsenya letsogo ka mowa wa boithaopo.
Rre Tale o tlhalositse fa letamo le le le botlhokwa thata mo matshelong a bone gonne le fa ka dinako tse dingwe ba a tle ba nne le tlhaelo ya metsi mo motseng, seemo ga se ke se nna maswe ka ba felela ba dirisa a letamo.
O supile gape fa letamo le le sologela leruo la bone molemo ka ba dirile thulaganyo ya go dirisa bontlha bongwe jwa lone go nosa leruo.
A re banni ba motse ba ithaopile go aga mokoro o go nosetswang mo go one e le go leka go itsa go nosa leruo mo dimpompong tsa setshaba.
Rre Tale a re le ntswa letamo le e le la morafe, komiti e e le tlhokomelang le bagolwane ba motse ba dirile tumalano ya gore ope yo o nosang leruo a ntshe masome a mabedi a dipula ka ngwaga e le tsela ya go kokoanya madi a a ka dirisiwang mo go le tlhokomeleng.
Le fa go ntse jalo, Rre Tale o supa fa bangwe ba sa sale tumalano e morago ka ba felela ba nosa leruo kwa motseng mo dipompong tsa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 11 Nov 2014