Tshwaragano ke konokono
10 Nov 2014
Go supasupana ka monwana ga puso le barui go lebega ele gone mo go lelefatsang nyeletso ya bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Nhabe.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng kwa Gumare, mothusa mookamela lephata la matlhoko a leruo, Dr Letlhogile Oarabile a supa fa go sa nyeleleng ga bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Nhabe go rotloediwa ke go goga dinao ga barui ka go tlhoka go kentisa leruo la bone ka dinako tse di beilweng.
Dr Oarabile a re ngwaga le ngwaga lephata la gagwe le tsaya matsapa a go kenta dikgomo tsa kgaolo ya Nhabe magato a le mararo go leka go laola bolwetse jwa tlhako le molomo ka go nonotsha masole a mmele mo dikgomong.
A re go a tshwenya go bo lefa puso e dirile thulaganyo eo, barui bangwe ba sa ise leruo la bone ka dipalo tse di nametsang, selo se se felelang se baka tlhagogo ya bolwetse gangwe le gape mo kgaolong ya Nhabe.
O gakolotse ba ba nang le dikgomo tsa matimela kwa masakeng a bone go di isa mokentong go tila go anamisa bolwetse mo dikgomong tsa bone.
A re ba lemogile gore gantsi bolwetse jwa tlhako le molomo bo tlhagoga mo dikgomong tse di tlodilweng ke mokento jalo a rotloetsa barui go nna le mowa wa go thusana go gatelela dikgomo go di isa megotlheng.
Dr Oarabile o tlhagisitse barui kgatlhanong le go gatelela dikgomo go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe go thibela kanamo ya bolwetse. A re e rile Phalane a ya fifing ga fitlhelwa bolwetse joo kwa mogotlheng wa Chaa, dikhilomethara di ka nna tlhano kwa borwa jwa motsana wa Tubu.
O boletse gore dikgomo di le makgolo a mabedi di fitlhetswe di amilwe ke bolwetse joo mme a bolela fa gantsi dikgomo tse di tlhaselwang ke bolwetse ele tse di sa kentiwang.
Le gale a re ga a mo seemong sa go rurifatsa gore megotlha e e mabapi e a akaretsa ya Samotshuka le Kangdalagodi e amegile mme a kopa barui go disa leruo la bone go itsa gore le kopane le le le amegileng go diragatsa maiteko a puso a go nyeletsa bolwetse joo gotlhelele.
Dr Oarabile o tlhaloseditse barui gore go okeditswe malatsi a go kenta go tswa mo go a mabedi go ya kwa go a le matlhano jalo a ba rotloetsa go dirisa sebaka seo go isa dikgomo kwa megotlheng ka dipalo tse di kwa godimo.
Le fa go ntse jalo, o gateletse botlhokwa jwa go nonotsha tirisanyo mmogo magareng ga matlhakore oo mabedi mo twantshong ya bolwetse joo.
A re mo nakong eno, go emisitswe motsamao wa leruo mo kgaolong yotlhe ya A2c, ka jalo ba matlhabelo a dibuchara ba letlelelwa go tlhaba fela kwa dikgaolong tsa A2b le A2d le gone ka teseletso ya ba lephata la matlhoko a leruo le bogosi.
O tlhalositse fa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo kgapetsa kgapetsa mo Nhabe, go tshwenya ka gore go ama matshelo a banni ba kgaolo eo fela thata ga mmogo le ditiro dingwe tsa lephata la temo thuo.
Dr Oarabile a re e ne yare ka 2012 bolwetse joo jwa tlhagoga kwa megotlheng ya Kareng le kwa Habu, mme ngwaga e e fetileng jwa bonwa gape kwa mogotlheng wa Matsebe, fa monongwaga ka Seetebosigo bo tlhagogile kwa Mohembo East mme jaanong bo tlhagogile kwa Chaa mo kgaolong ya Tubu.
O tsweletse a tlhalosa gore puso e itse gore terata e e kgaoganyang diphologolo le leruo e ole mme e tshwaragane le go batla maano a go e nonotsha.
Le fa go ntse jalo, barui ba supile puso ka monwana ka go tlhoka go nonotsha terata e e kgaoganyang leruo le diphologolo tsa naga go itsa bokopano jwa tsone.
Mongwe wa dibui, Rre Goatalwa Oagilwe a re ka ntata ya terata e e digilweng ke ditlou, diphologolo tsa naga di akaretsa dinare tse di tsenyang dikgomo bolwetse jwa tlhako le molomo di gobeya gongwe le gongwe mo kgaolong ya bone.
A re ga gona jaaka bolwetse jwa tlhako le molomo bo ka tlhoka go tlhagoga go fitlhelela puso e ikemisetsa go nonotsha terata eo.
Morui yo mongwe, Rre Tjivena Kuenjauka a re ga go thuse sepe gore barui ba tlhole ba isa leruo la bone kwa megotlheng go ya go kentiwa ntswa morago ga mokento leruo le ya go kopakopana le diphologolo tsa naga ka gonne terata e ole.
Rre Kuenjauka a re go tlhagoga kgapetsa-kgapetsa ga bolwetse joo gape go bakiwa ke terata e e atametseng thata le mafudiso a leruo la bone.
E ne ya re a fa malebo, modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ba Gumare, Rre Mosobotwane Tuelo a rotloetsa barui ka ene go tsaya dikgakololo tsa ba bongaka jwa leruo tsia gore ba kgone go fenya mmaba oo.
Kgosi Diteko Salepito wa Gumare ene o kopile banni ba motse oo go emisa go kgaola terata ka maikaelelo a go ya go tsoma mo lefelong le le sireleditsweng la diphologolo ka go le diphatsa mo matshelong a bone.
E re dikgang di eme jalo, barui ba akgoletse badiri ba lephata leo go tsibogela seemo sa tlhagogo ya bolwetse joo, ba supa fa e le lwa ntlha ba tsaya kgato e tshwana le eo ka bonako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgola
Date : 10 Nov 2014